Seabe sa kereke se botlhokwa go lwantsha masula a lefatshe
05 Dec 2023
Botswana o lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi jaaka dipolaano tsa baratani, dipolao tsa batho go dirwa dipheko, dipetelelo le melato e e dirwang ka bosetlhogo jo bo hakgamatsang, ka jalo masula a, a tlhoka seabe sa kereke go tlisa kagiso le ledula mo setshabeng.
Tona ya Pereko le tsa Selegae Mme Annah Mokgethi o buile se ka letsatsi la malebogo kwa kerekeng ya Faith Gospel After Christ kwa Metsimotlhabe ka Tshipi. “Boammaruri ke gore puso ga e kake ya kgona e le nosi go tswa ka ditharabololo, ka jalo rotlhe mo setshabeng re tshwanetse ra ema ka dinao, re tshwaragane, re thusane go busetsa tshaba ya rona kwa seemong sa kagiso le thokgamo”.
Mme Mokgethi, a re ka ngwaga wa 2008 go ne ga simolodisiwa komiti ya bogakolodi ya Ntlo ya Dikgosi le Lekgotla la Dikereke la Botswana mme nngwe ya dikgakololo e ne e le gore dikgosi, lekgotla la dikereke le makgotla a ditshwanelo di tshwragane go ruta setshaba ka ditshwanelo tsa setho.
A re lefatshe la Botswana le sa tswa go simolodisa letsholo kgatlhanong le kgokgontsho ka fa tlase ga setlhogo se se reng A Re Kopaneng go Emisa Kgokgontsho ya Bong Jaanong Jaana.
Mme Mokgethi a re dipalo di supa fa kgokgontsho gareng ga banyalani le baratani e le kwa godimo .
“Mekgatlho e e ikemetseng ka nosi e na le seabe se se tona mo tlhabololong ya lefatshe, ka jalo re lebile dikereke go dirisa lefoko la Modimo go rotloetsa boammaruri, botho, tlotlano, lerato, kagiso le thokgamo fa gare ga batho.” Tona Mokgethi tlhalosa. A re seabe sa kereke ke go thusa setshaba go nna kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe mme e bile kereke e thusa go agisanya le go letlanya batho le setshaba ka kakaretso.
O ne a supa fa a sena pelaelo ya gore kereke ya faith Gospel After Christ le yone e tshameka seabe sa yone mo go diriseng lefoko la Modimo go rotloetsa kagiso le thokgamo mme a gakolola phuthego ka lerato la Modimo mo lekwalong la Bakorinta wa ntlha, kagolo ya lesome le boraro, temana ya bone go ya ko go ya borobabobedi (1 Corinthians 13:4-8).
Tona wa Itshireletso le Thokgamo Rre Kagiso Mmusi a re letsatsi le thobo ke nako ya go leboga Modimo ka tse a di go diretseng mo botshelong mo ngwageng. A re bontsi jwa batho bo segofaditswe mo ngwageng ono, mme go molemo go leboga Modimo.k
Tona Mmusi yo gape e leng mopalamente wa Gabane/Mmankgodi o dumela gore dineo tse di fiwang Modimo di tlaa mo itumedisa mme a lebe lefatshe la gagwe ka mautlwebotlhoko.
O ne a gakolola phuthego go ema ka dinao go bua ka kgokontsho ya bong ba menne phatla le go rotloetse ba bangwe go emisa go dira jalo. Mookamedi wa kereke ya Faith Gospel After Christ Dr Tebogo Motlhagodi a re letsatsi la thobo ke nako ya go leboga Modimo ka ditshegofatso tse a di neileng bana ba gagwe fa ngwaga o simologa.
A re ka kgwedi ya Hirikgong kereke e a kopana mme ba ntshe peo e ka yone ba kopang Modimo ditshegofatso le mautlwelobotlhoko a gagwe mme go maleba gore fa ngwaga o wela ba tle go mo leboga ka tse a di dirileng. BOPA
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Metsimotlhabe
Event : Tsatsi la malebogo
Date : 05 Dec 2023