Breaking News

Ba Farmers Field School ba tlhatlhelela balemi

11 Nov 2025

Molemi wa masimo a Beyanga kwa Tutume, Mme Chikadzi Rodger a re fa go tla mananeo ape a balemisi ba reng a siametse temo, o nna tsebe ntlha go reetsa le go kopa dikgakololo mo go bone mme a lekeletse.

Mo potsolotsong le BOPA, Mme Rodger wa dingwaga tse di masome marataro le boraro a re ene le balemi ba bangwe ba le masome mararo ba tsene mo dithutong tsa temo dikgwedi tse di fetileng go ipaakanyetsa temo.

A re dithuto tseo, di ne di rulagantswe ke ba Mayombo Muphane ka fa tlase ga lekalana la Farmers Field School(FFS).

Maikaelelo a dithuto tseo e ne e le go ba suga le go fa balemi bao maele a go ntsha mhero wa muthwa, go lema nawa ya lablab le lebelebele le gore ba ka thiba jang mesele e e epegileng mo masimong ka ntlha ya dipula.

Mme Rodger a re balemi ba ba tseneng dithuto tseo, ba ya go seegela fa thoko, diekere tse pedi tse ba yang go diragatsa se ba se rutilweng, fa maiteko a bone a ka tswa tema,e tlaa nna bone ba ba rutang balemi bangwe.

A re lenaneo leo, le lemogile fa balemi ba sa kgone go ntsha dijo tse di lekaneng ka jalo le ba thusa go oketsa thobo. Ba lenaneo leo la FFS ba lemogile fa molemi a kgona go tswa ka dikgetsi tse di fa tlase ga lesome mo ekereng e go solofetsweng e ka bo e ntshitse masome mabedi kana go feta.

O tsweletse a re gape dithuto tseo ke go fedisa kana go tlogedisa balemi mokgwa wa go ikaega ka go ya go bereka kwa Pandamatenga mme ba leme mo masimong a bone.

A re masimo a fetogile dikgwa, batho fa ba re ba lemile ba lema ekere fela, fa bangwe ba lema mme ba phuaganye masimo a bone. O ne a leboga balemi ba masimo a Beyanga, a re ba santse ba lema thata ka dipalo tse di kwa godimo.

Mme Rodger a re go sala morago ditaelo le go diragatsa se balemisi ba se buang ke pheko e tona mo temong,ka jalo a kopa balemi go tsaya dithuto tsa balemisi tsia le go di diragatsa gore ba kgone go jesa lefatshe leno le go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 11 Nov 2025