Tshwaragano ya mapodisi le morafe e tswa tema
12 Nov 2025
Motshwarelela mookamela mapodisi a kampa ya Masunga, Assistant Superintendent, Saaka Nsimbi o supile boitumelo ka maiteko a dirwang ka tshwaragano le setshaba go bepisa borukuthi, seemo se se dirang gore kgaolo e robalelwe ke ditlhokwa.
Mo potsolotsong ka Mosupologo, Mme Nsimbi o boletse fa ba itemogela kwelo tlase ya ditiragalo tsa borukutlhi mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya Masunga.
Ka jalo o lebogetse tshwaragano ya mapodisi le morafe wa metse eo, a re ke yone e thusang thata gore seemo sa borukutlhi se bo se bepile.
A re keletso ke gore mowa oo, o tswelele go ya go ileng ka maikaelelo e le go lwantsha le go nyeletsa borukutlhi.
Le fa go ntse jalo, Asp. Nsimbi a re ba sepodisi ba tsweletse ka go gasa molaetsa mo setshabeng gore se nne podi matseba mabapi le manweenwee a a dirisang metlhale ka go farologana go leka go ba amoga madi a bone.
O boletse fa ba sa tswa go tsaya tshwetso ya go nna ba etela bagodi kwa ba kokoanelang teng ka nako ya kamogelo ya madi a Tandabala, go ba tsibosa gore ba ikele tlhoko.
Mme Nsimbi a re o nona pelo ka mathe ka jaana go lebega lesedi mabapi le manweenwee ao, le setse le rotlhegela mo ditlhaloganyong tsa batho, ka moo a ba gwetlha go tswelela ba tshegeditse melaetsa eo go itsa gore ope a nne motswasetlhabelo.
Mo go tse dingwe, Asp Nsimbi a re ka jaana paka ya dipula e setse e gorogile, kgakololo mo batsading ke gore ba leke go nna ba tlhomile matlho le go laola metsamao ya bana, go itsa ditiragalo tse di bosula tse gantsi di diragalang mo pakeng ya dipula
O gakolotse batsadi gape go kgalemela bana go tshamekela mo ditseleng, a re ke sengwe se gantsi se bakang gore ba amege mo dikotsing tsa tsela mmogo le go dirisa bakgweetsi diphoso tse di sa tlhokafaleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 12 Nov 2025




