Ba rotloetswa go tsibogela botsogo
12 Nov 2025
Maphata a puso ka go farologana mo kgaolong ya Bokone Bophirima a rotloeditswe go eteletsa pele mananeo a botsogo, maikaelelo e le go fokotsa borai jwa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng.
Kgakololo e ntshitswe bosheng ke mogolwane wa lephata le le rotloetsang botsogo, twantsho ya bolwetse jwa AIDS le malwetse a sa tshelanweng, Mme Gloria Rakgotla kwa tirong e e neng e rulagantswe go rotloetsa botsogo.
Mme Rakgotla o tlhagisitse setshaba go tsibogela botsogo ka go dira sepe se se ka thusang go sidila mmele le tlhaloganyo.
A re go tlhoka go itshidila mmele ke kgwetlho mo babereking ka bontsi bo tsaya nako e ntsi ba dira tiro e e sa ba gwetlheng go sidila mmele, selo se se tsisang borai jwa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, sukiri, monono o feteletseng le a a amanang le pelo.
A re lefelo la tiro le tshwanetse la tsibogela go ruta le go rotloetsa badiri go thibela malwetse a a sa tshelanweng.
Mme Rakgotla a re makalana ka bontsi ga ana tsamaiso ya go rotloetsa botsogo mo tirong ka jalo seo, se dire gore badiri ba se ka ba bona thuso e e tlhokegang jaaka go tlhatlhobiwa ke dingaka kgapetsa kgapetsa, go ikhutsa, go itshidila mmele kana go bona ditirelo tsa botsogo jwa tlhaloganyo.
Morutuntshi wa lekalana la APSA, Mme Nokuthula Martin a re botsogo ke karolo e e botlhokwa mo tirong, ka jalo go tshwanetse ga nna le nako ya go sekegela botsogo jwa babereki.
Mme Martini a re go ka dirwa jalo ka go nna le lenaneo la go itshidila mmele kgotsa go rulaganya thuto ka botlhokwa jwa go ja dijo tse di itekanetseng.
A re go botlhokwa gore ofisi e nne le komiti ya boitekanelo, mafelo a boitapoloso le go dira melawana ya mo ofising e e rotloetsang go itshidila mmele le go laola maikutlo a babereki.
Mme Martin a re malwetse a a sa tshelanweng a na le seabe se segolo mo go oketsegeng ga dintsho mo lefatsheng ka bophara, ka jalo go tshwanetse ga tsewa dikgato tsa go a fedisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaolethoo Kgatitswe
Location : Maun
Event : Phuthego
Date : 12 Nov 2025




