Breaking News

Kgosi Dithapo o tlogela tiro

11 Nov 2025

Dikgosi di rotloediwa go tsepama mo tirong ya bone gona le go ikamanya le sepolotiki.

Kgakololo e ntshitswe bosheng ke kgosi ya Semboyo mo kgaolong ya bokone bophirima, Kgosi Baemedi Lelatlhego kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o diretswe Kgosi Boitiro Dithapo yo o tlogelang tiro ka bogodi. 

Kgosi Dithapo o diretse banni ba Sehithwa le metse e e mabapi dingwaga di feta masome a matlhano e le moemela kgosi yo motona.

Kgosi Lelatlhego a re bangwe ba diga serudumo sa bogosi ka go ikamanya le sepolotiki, mme a ba kopa go tsaya malebela mo go Kgosi Dithapo a supa fa a ne a dira tiro ya gagwe ka boammaruri le botswapelo.

Kgosi Lelatlhego o tlhalositse fa Kgosi Dithapo a ne a rata tiro ya gagwe thata e bile a e dira a sa tseye letlhakore. A re o gakologelwa gore o tsene mo bogosing ka nako tse di thata ka 1977, a fitlhela botlhoka tsebe bo ile kwa Sehithwa, mme ka e le mo rata kagiso a baakanya seemo.

A re thupa e ne e lelela boatleng mme serudumo le thitibalo mo motseng tsa boela, e bile banni ba ne ba simolola go tshela ka kagiso le boitumelo.

Kgosi Dumi Kanduu yo o berekileng le Kgosi Dithapo le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa mongagwe a dirile le bone ka bokgabane le lorato ka jaana a ne a ba kaela le gone go ba gakolola.

A re e sale a tsena mo kgotleng ka 2004, o anywile go le go ntsi mo go Kgosi Dithapo ka a ne a sa ba kaele mo go tsa bogosi fela mme ane a ba gakolola gape ka tsa botshelo ka kakaretso.

Kgosi Munduu o lebogetse gape gore Kgosi Dithapo o ne a eteletse pele merafe ka go farologana mme a netefatsa gore botlhe ba nna le kemedi mo kgotleng.

Moemedi wa ba lelwapa, Rre Sesentle Madisa o boletse fa Kgosi Dithapo e le motho yo o ratang dilo tse di tlhamaletseng. A re o ne a rata gore dikgang tsa motse di buelwe kwa kgotleng gore morafe ka kakaretso o nne le seabe mo tlhabololong ya motse wa bone.

A re o dumela fa yoo otla tsayang mo go Kgosi Dithapo a tlaa tsweledisa tiro e ntle eo ya go bereka le morafe ka lorato le gone go tsweledisa fa a emeng teng.

Moemela kgosi go tswa kwa Maun, Kgosi Oleyo Ledimo o boleletse morafe fa ba tlaa supa kgosi yo mosha pele mo nakong e e khutshwane.

O boletse fa Kgosi Dithapo e le mogaka ka jaana a tsene mo tirong ka nako ya fa go sena didirisiwa mme a bereka ka natla. “Re le bantsi re ithutile go le gontsi mo go ene ka e le motho yo o ratang go gakolola e bile a rata dilo tse dintle”.

Kgosi Ledimo le ene o boletse fa a ne a ila botlhoka tsebe lobaibai a tlatsa ka gore motse wa Sehithwa o ne o tumile ka setlhopha sa diganka mme kgosi hedisa maitsholo a o ka ponyo ya leitlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Sehithwa

Event : Moletlo

Date : 11 Nov 2025