Botsogo konokono ya botshelo
11 Nov 2025
Banni ba Maun le metse e e mabapi ba akgoletswe go tsaya botsogo jwa bone tsia ka go tlhatlhobela malwetse.
Seo se buile ke mopalemente wa Maun bokone, Rre Dumelang Saleshando mo potsolosong morago ga letsholo le le neng le rulagantswe ke ofisi ya gagwe ka mafelo a beke kwa Life Centre go fa banni sebaka sa go itlhatlhobela malwetse ka go faralogana.
Letsholo leo, le le tshwarang ngwaga le ngwaga le ne le ngokile dingaka ga mmogo le bo mmantswitswidi ba tsa botsogo go tswa mo Maun le Gaborone ba ba neng ba ithaopetse go fa ditirelo tsa bone mahala.
Malwetsi a a neng a tlhatlhobela a ne a akaretsa bolwetsi jwa matlho, kankere, diphilo, sebete gammogo le madi a matona.
Rre Saleshando o ne a leboga banni go menagane a re monongwaga ba ne ba tsile ka dipalo palo go tsaya karolo mo letsholong la go itlhatlhoba, selo a reng sea nametsa ka jaana ba tlaa itse diemo tsa bone go le nako mme ba tseye kgato.
A re dipatlisiso di supa gore mo Botswana, dintsho tse di diragalang di feta masome a mane mo lekgoleng (40 per cent) di bakiwa ke malwetse a a sa tshelwaneng a tlatsa ka gore se se ngomolang pelo ke gore batho ba le bantsi ga ba itse gore ba a lwala.
“Ke ka moo re boneng go tshwanela go rulaganya letsholo le go fa banni monyetla wa go itlhatlhoba gore ba tswe fa ba itse seemo sa bone sa botsogo mme ba ba amegileng ba tseye kgato nako e sale teng go thibela dintsho,’a tlatsa jalo.
Rre Saleshando o ne a gape a lebogela boithaopo jwa ba botsogo go bo bane ba tsaya karolo mo letsholong leo a tlatsa ka gore maikaelelo ke gore bao ba ba ka tlhokang go dira loaro le le botlana go tsewe maina a bone mme ba felele ba bone thuso e e maleba.
O tsweletse a re bangwe ba dingaka ba ithaopile go thusa ntle le dituelo. O ne a ntsha sekao ka go latlhegelwa ke pono a supa fa loaro lwa go busetsa pono lo sa tseye nako e telele.
Rre Saleshando o boletse fa go ya pele ba tlaa sekaseka gore a ba ka seke ba oketse malatsi gore letsholo leo le tseye malatsi a mabedi ka jaana la monongwaga le ngokile matshwititshwiti a tlatsa ka gore bangwe ba dingaka ba supile kgatlhego go tsaya karolo ngwaga o o tlang.
Mongwe wa ba botsogo, Mme Cinderalla Gaebowe yo a lebaganeng le goisa ditlamelo kwa bathong le ene o supile fa ba itumeletse tshologelo ya batho a tlatsa ka gore seo se ba nametsa pelo ka e le sekao sa gore Batswana ba nyoretse dithuso tsa botsogo.
A re kwa bofelong jwa letsholo ba batla gore Batswana ba nne le botsogo jo bo nonofileng, ba itse gore ba ka tsela sentle, ba ka thibela jang malwetse a ka laolesegang jaaka sukiri le madi a matona.
Mongwe wa banni e bile e le monana, Mme Ntshang Kamba o ne a leboga ofisi ya ga mopalemente go bo e rulagantse letsholo la go itlhatlhoba a supa fa bontsi jwa banana ba sa bereke mme ba felele ba gatelelwa ke maikutlo kgabagare ba felela ba gomagomediwa ke malwetse a masesenyane. O tsweletse a re ditlamelo dingwe tse ba di akolang mo letsholong leo ga diyo mo dikokwelwaneng ka bontsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 11 Nov 2025






