Borre ba rotloeditswe go arogana dikgang le bana

05 Dec 2023

Borre  ba gakolotswe go bua le bana ba bone ba basimane, ka go ka ba aga, selo se se ka thusang thata mo go fokotseng kgokgontsho ya bong m o go bomme le bana.

 

Go tlhoka go bua le ban aba basimane go na le seabe mo go tlhokeng kutlo ga bone.

 

Se se builwe ke Moshupa Superintendent David Ramoseki fa a buisa phuthego ya pitso ya borre e e neng e rulagantswe ke ofisi ya ga molaodi kwa Moshupa bosheng.

 

A re bana ba basimane ga ba na motheo o o siameng fa ba tshwantshanngwa le ba basetsana, ka bomme ba ipha nako go bua le bone. 

 

Mogolwane a re go lebega bana ba basimane ba na le tenego e ntsi, a supa fa se, se tlhoka borre go itshekatsheka, go bona gore ba ka thusa jang.

 

Superintendent Moseki a re puso e tshwenyegile ka  dipalo tse, a supa fa go tlhabisa ditlhong gore dikgang tse di bo  di santse dile kwa godimo ka dipalo ntswa puso e leka ka thata go ruta Batswana ka kakaretso mabapi le go thibela kgokgontsho.

 

A supa fa ba sepodisi mo kgaolong ya gagwe ba gatisitse dikgetsi di le 100 ngwaga o,di supa kgolo ka di ne di le 74 ngwaga o o fitileng.

 

Supt Ramoseki a re ngwaga o o fetileng ba itemogetse dikgetsi tsa petelelo di le 17 a supa fa ngwaga o, le fa o ise o fele ba setse ba amogetse dikgetsi di le 21.

 

Mo kgetsing tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwana tse di kwa tlase ga lesome le beferabobedi ba amogetse dikgetsi di le 15 ngwaga oo fitileng, fa ngwaga o, di setse di le 12.

 

Supt Ramoseki o supile fa ngwaga o o fitileng ba amogetse dikgetsi di le 23 tsa kiteo ya motho, a supa fa ngwaga o, ba setse ba gatisitse di le 43.

 

A re ba amogetse dikgang tsa kiteo ya go ntsha ntho di le 11 ngwaga o, a supa fa dipalo tse, di lekana le tsa ngwaga o o fitileng.

 

A re ba amogetse kgetsi ya matshosetsi a polao e le nngwe ngwaga o, jaaka le mo ngwageng   o o fitileng.

 

Supt Ramoseki supile fa dikgetsi tsa maiteko a palao di oketsegile ka bongwe, ngwaga o, a supa fa ngwaga o o fitileng, ba amogetse dipalo di le nne. A re go tlhokafala puisano e e tlhwaafetseng gore botlhe ba ba amegang ba kgone go thusa go tla ka methale e e ka thusang go fedisa kgokgontsho.

 

O tlhalositse fa go le botlhokwa go tsaya kgato ka nako go amogela ditlamelo tsa botsogo.

 

Rre Monakwane o gakolotse fa go tsaya kgato go amogela ditlamelo tsa botsogo go ka thusa go babalela matshelo a bone.

 

A supa fa ka Hirikgong 2023 borre ba le 288 300 lefatshe ka bophara ba amilwe ke kankere ya kgeleswa ya setha. 

 

A re borre ba le 34 700 ba tlokafetse ka lebaka la kankere e lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore mo kgaolong ya Aferika, batho ba le 64 mo go ba le100 000, ba tshwerwe ka bolwetse jwa go nna jaana. 

 

Modiri wa botsogo a re mo Botswana ka ngwaga wa 2020, mefuta yotlhe ya kankere e fitlhetswe mo go borre ba dingwaga ka go garologana ba le 839, a supa fa mo palong tse borre ba le 151 ba ne ba na le kankere ya kgeleswa ya setha.

 

O gakolotse gore ba ka fema bolwetse jo ka go ja sentle le go oketsa kotla ya vitamin D ka go ja dijo di tshwana le mae, mashi a dikgomo, cheese le dinamune

 

A re se sengwe se se ka femang tlhagogo ya bolwetse jo ke go tlhakanela dikobo kgapetsa kgapetsa, go itshidila mmele, go emisa motsoko, le go nwa bojalwa ka seelo se se kwa tlase

 

Rre Monakwane o supile fa lefatshe la Botswana le seo mo maineng a mafatshe a matlhano a a gateletsweng ke Kankere ya kgeleswa ya Setha mo Aferika.

 

A re le fa go ntse jalo dipalo di supa fa lefatshe le amilwe ke malwetsi a kankere ya kgeleswa ya setha jalo go le botlhokwa gore borre ba tsiboge go itekodisa ba bongaka go santse go na le nako.

 

Fa a ntsha lefoko la tebogo, Modulasetilo wa Khansele ya Moshupa, Rre Sonny Phiri o supile fa bo rre bale sephiri jalo a gakolola go tsaya kgato go tsibogela go tsaya ditlamelo tsa botsogo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Ka Thuso Kgakatsi KANYE

Event : Pitso ya borre

Date : 05 Dec 2023