Ntwa ya kgokgontsho e tlhoka botlhe

05 Dec 2023

 Setshaba se kgothaditswe go lwantsha  kgokgontsho ya bong, ka go  lebega fa ba e lemoga mo tikologong ya bone.

 

Ka jalo go mo maruding a mongwe le mongwe go nna le seabe mo ntweng e,  ka go ka thusa puso mo maitekong a yone, jaaka e tlhomile malatsi a le lesome le botlhano a letsholo la ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.

 

Sergeant Goilemang Siphiti go tswa kwa sepodising sa Botswana o ne a bua se kwa tirong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla la babereki la Manual Workers Union la kgaolo ya Bokone Botlhaba bosheng kwa Masunga. 

 

Letsholo leo, le simolotse ka mogwanto go tswa kwa kokelong ya Masunga go ya kwa nokeng ya Ntoba mme wa felela kwa kgotleng ya Masunga, le ne le tsibosa setshaba ka kakaretso ka kgokgontsho ya bong le ditlamorago tsa yone.

 

Mme Siphiti o supile fa kgokgontsho e na le ditlamorago tse di bosula, ka e kgona go baka dikgobalo, khuduego ya maikutlo le gone go diga seriti sa motho gammogo le go bakela motho bogole jwa sennela ruri, a tlatsa ka gore mo mabakeng mangwe e kgona go bakela motho bolwetse jwa tlhaloganyo. 

 

A re go ngomola pelo go bona batho bangwe ba ipaya moriti o tsididi ntswa ba lemoga kgokgontsho e diragala mo matlhong a bone, ba itlhophela go gata ditiragalo tsa go nna jalo, ba sa di ntshetse mo mpaananeng gore di tsibogelwe go sale go sha.

 

Mme Siphiti o supile fa puso e tseela kwa godimo thata dikgang tsa kgokgontsho ya bong le tshireletsego ya bana, a re ke ka moo e seegetseng kwa thoko malatsi a go leka go lwantsha kgokgontsho le go gasa molaetsa kwa setshabeng.

 

A re go supa tlhwaafalo ga puso, go rurifadiwa gape ke go tlhongwa ga melawana e e lebaganeng le dikgang tsa kgokgontsho ya bong le mafelo a go sirelediwang ba-tswa-setlhabelo, a supa fa kwa dikampeng tsa sepodisi go na le lekalana le le itebagantseng le dikgang tsa kgokgontsho le bana, maikaelelo e le go neela ba-tswa-setlhabelo seriti fa ba ile go bega dikgang tsa kgokgontsho.

 

Mme Siphiti boletse fa dipatlisiso di supa fa bomme e le bone ba amiwang thata ke kgokgontsho, a tlatsa ka gore lentswa go supa bojalwa le ditagi e le tsone gantsi di kuketsang kgokgontsho ya bong, fela go na le ditumelo dingwe tsa bogologolo le tsone di na le seabe mo go e rotloetseng.

 

Sergeant Siphiti o ne a kopa  batsadi kgatlhanong le go ketekana kgotsa ba dirisa mafoko a a botlha mo matlhong a bana, a re mokgwa oo, o jwala mowa wa kgokgontsho mo baneng, ka jalo le bone ba tsoge ba e dirisa mo bangweng.

 

Modulasetilo wa komiti ya bomme ya lekgotla leo ya kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Betty Keetile o tlhalositse fa lekgotla la Manual Workers Union le bone go le molemo go rulaganya letsatsi le, go leka go kopanela ntwa le puso ya lefatshe leno.

 

Mme Keetile a re lekgotla la bone le ikemiseditse go dira gotlhe go leka go lwantsha kgokgontsho ya bong, ka jalo a gwetlha ba ba neng ba tsene letsatsi leo, go gasa molaetsa o ba o amuleng kwa go ba bangwe le go ba tsibosa ka ditlamorago tse di bosula tsa kgokgontsho. 

 

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, kgosana ya kgotlana ya Masunga, Kgosi Samson Mpenya le ene o ne a supa botlhokwa jwa go lwantsha kgokgontso, a re go sa nneng jalo e ka jwelelela mme ya tsuolola kagiso e e renang mo lefatsheng leno.

 

Kgosi Mpenya a re fa batho ba ka tsaya tsia thulaganyo ya go fetola maikutlo, dikakanyo le ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng, go ka thusa go fokotsa ditiragalo tsa kgokgontsho, tse go lebegang di setse di tsaya phekelo e sele.

 

O ne a  akgola lekgotla leo la babereki go bo le bone go tshwanela go akaretsa letsatsi leo mo godimo ga mananeo a bone a tsatsi le letsatsi a go thusa maloko a lone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Letsholo la ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong

Date : 05 Dec 2023