Mascom e abela dialogane dimpho

30 Nov 2023

 Keresemose e tsile pele ga nako mo dialoganeng tse di masome a mararo tse di neng di itlhokoletsa go ya go simolola lokwalo la ntlha kwa sekoleng se se potlana sa Pallaroad, jaaka ba Mascom ba ne ba ba abela dimpho tsa keresemose.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela baithuti ba, mookamedi wa khamphani ya Mascom Mme Dzene Makhwade-Seboni, a re  ngwaga le ngwaga ba tswa letsholo go ikgolaganya le meletlo, dikhamphani, dikole le makgotlana a a farologaneng go re ba kgaogane le bana keresemose ka lenaneo la The Mascom Yellow Heart.

A re go simolola ka ngwaga wa 1999 khamphani ya Mascom e ntse e tshwara moletlo o mo mafelong ka go farologana, a supa fa ngwaga o o fitileng ba ne ba le kwa Shadishadi mo kgaolong ya Kweneng. 

O ntshitse dikai  tsa metse e ba e tsamaileng, e leng Ghanzi, Maun, Morwa, Kasane, Ramotswa magareng ga e mengwe.

Mme Makhwade-Seboni o boletse fa keresemose e le nako e e botlhokwa mo matshelong a bana lefatshe ka bophara, a supa fa e le nako ya go kgaogana dimpho le go itumela le ba malwapa.

 O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le ba Mascom e le go netefatsa gore ngwana mongwe le mongwe o bona sengwe se se ka tlisang monyenyo mo sefatlhegong sa gagwe bogolo jang ka nako ya keresemose.

O boletse fa Mascom e tsaya ka tlhwaafalo botlhokwa jwa go tlhokomela dikeletso tsa bana ba lefatshe leno. Mme Makhwade-Seboni o tlhalositse fa tiro e ba ne ba e tshwaraganetse le Mme Keinametse Sebolao,  ngwana wa motse wa Pallaroad yo o tsamaisang kgwebo ya Mascom Kitsong Centre.

A re maikemisetso a bone ke go rotloetsa ditiro tse dintle tse di diriwang ke bana ba mo metseng e e farologaneng kwa go nang le ditlamelo tsa Mascom teng, a tlatsa ka gore ba ema banana ba nokeng ka dinako tsotlhe gore le bone ba tswelele ka go dira sentle le morafe.

Ngwana mongwe le mongwe o ne a neelwa paka ya sekole e feletse ka ditlhako, mo godimo ga moo go na le diaparo tsa keresemose le melora le ditlolo, tse a tlhalositseng di tlaa ba tlamela kwa sekolong.

O tlhalositse fa ba itlama go tsibogela selelo sa go tlhaela ga matlwana a borutelo, a solofetsa fa ba tla a tsenya letsogo go thusa go feleletsa kago e e tla a dirisiwang e le ntlwana ya borutelo ya kwa ntle. Mo godimo ga moo ba tlaa tsenya ntlwano eo ditilo le ditafole tsa baithuti.

A re o solofela dimpho tse tsotlhe di tla tlisa monyenyo, boitumelo le pharologanyo mo matshelong a baithuti . 

Mme Makhwade-Seboni o ne a rotloetsa batsadi go sa itsapa go akgola bana ba bone ka nako tsotlhe, a re ba ba rotloetse gore ba tswelele ba ithute.

Fa a leboga Kgosi Moses Mpaesele wa Pallaroad o ne a supa fa ba itumeletse dimpho tse ka. 

A re ke lantlha tiro ya go nna jaana e diragala mo motseng wa gagwe mme se se supa fa Modimo a araba dilelo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : PALLAROAD

Event : Kabo dimpho

Date : 30 Nov 2023