Moithuti o abetswe kgomo
20 Nov 2023
Go aba ke thotloetso ya Modimo ka jalo ga go tlhoke gore motho a bo a na le go le go ntsi.
Se, se tlhalositswe ke mogwebi e bile e le molemi morui, Rre Fankie Kokoro kwa moletlong wa go abela moithuti yo o gaisitseng mo dithutong tsa lokwalo la boraro wa sekole sa Boipelego kwa Serowe. Moithuti yo o o abetswe kgomo ya letsopa la Simbra kwa Paje.
Rre Kokoro a re kgomo e a e abetseng moithuti ke motswako wa Simmental le Brahman.
A re Botswana o santse a ikaegile ka mafatshe a mangwe mo go direng dijo ntswa Batswana ba le ba ntsi ba inaakantse le temo-thuo.
O kaile fa dipatlisiso di supa fa masome a mabedi mo lekgolong a batho kwa South Africa, e le balemi barui mme palo e potlana eo e kgona go jesa lefatshe lotlhe le mafatshe a mangwe jaaka la Botswana.
A re dipatlisiso di supile gape gore mo Botswana, balemi barui ba le masome a robabobedi mo lekgolong ke balemi barui.
Rre Kokoro are se se hakgamatsang ke gore Botswana ga a kgone go ijesa, a tlatsa ka go re seemo se, se tlhoka go potlakelwa ka go rotloetsa bana ba santse ba le bannye go tsena mo temo thuong e e nang le dipoelo, gore ba kgone ba ntshe mo go lekaneng go jesa lefatshe le go tlhabolola matshelo.
A re mangwe a mabaka a gore go bo go ntse jalo ke gore palo e ntsi ya batho e tshwere lefatshe le ba sa le diriseng kana ba sa le leme, ba paledisiwa ke go rema le go agelela.
Rre Kokoro o kgothaditse baithuti go inaakanya le temo thuo ka e na le dipoelo tse di botoka go feta dilo tse di ntsi.
O ba rotloeditse go re ba ithute mo batsading ba bone le gope fela fa ba ka ithutang teng. Rre Kokoro o rotloeditse batho go fetola dikakanyo le ka fa ba dirang dilo ka teng.
A re temo thuo ke mhama wa bobedi fa go tswa diteemane mo go tshegetseng itsholelo ya lefatshe.
O supile fa a ikaeletse go dira gotlhe, go bapatsa temo-thuo le go e rotloetsa, a supa fa se e le lebaka le a tla a tswelelang ka go aba dikgomo go na le madi kana dithoto tse dingwe.
A re o ne a dirile mabelo a dikuta a bo a abela bafenyi dipodi mo boemong jwa madi.
A re o tsene sekole kwa Semane, mme se se mo gwetlhile gore a a abele Boipelego ke gore ba ne ba tsile kwa polaseng ya gagwe go tlhola le ene mme seo sa mo lemotsha fa ba mo eme nokeng a bo a gwetlhega go ba direla sengwe.
Rre Orbet Mabutho yo e neng e le sebui sa letsatsi, o supile fa se se dirilweng ke Rre Kokoro e le tiro e tona ebile e tsamaelana le maikano le maikaelelo a ga Tautona a go oketsa palo ya leruo le go nonotsha letsalo le letsopa la dikgomo mo Botswana. A re banana ba tshwanetse go tsena ka mmetela mo temo thuong ka e le bone baeteledipele ba kamoso. A re go ba rotloetsa gompieno go ka ba thusa go nna le kgatlhego le go kabakanya, ka ga se botlhe ba ba abetsweng thuto.
A re le fa motho a sa abelwa ditlhaka, temo-thuo e ka mo tshedisa botoka a bo a gaise ba ba rutegileng, fa a e dira sentle.
Rre Mabutho o tlhaloseditse moithuti yo o abetsweng kgomo gore mpho eo, ke tshimolodiso ya kgwebo, a re jaanong ke morui o tshwanetse go tsaya seo ka tlhoafalo a itse gore fa dikole di tswalwa, tsela e nngwefela, ke ya kwa morakeng. O mo tlhaloseditse fa mananeo a tshwana le a banana a ka mo thusa go bona madi, go oketsa se a nang le sone le go inaakanya le kgwediso ka seatla ka e le maduo a gaufi.
Rre Mabutho o tlhalositse fa phetogo ya loapi e apesitse mhama wa temo-thuo kobo ka letshoba, mme a rotloetsa gore go inaakanngwe le maranyane a masha, go itepatepanya le seemo. “Mmaraka o teng ebile ga re kgone go fitlhelela seelo se o se tlhokang. Seo se bakiwa ke letsopa la dikgomo tsa mo Botswana. A re tlhabolleng letsopa gore re kgone go iteisana borathana botoka mo mmarakeng ka letsopa le le ntle,” Rre Mabutho a tlhalosa.
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi ene o supile fa a itumeletse tiro ka e rotloetsa mhama wa temo thuo.
A re mapolotiki a na le tiro e ntsi, ka dithuso tsotlhe ka mefuta di kopiwa mo go bone pele ga mongwe le mongwe, mme a kaya fa batho ba tshwana le Rre Kokoro ba ba imolola morwalo. Mopalamente o rotloeditse bagwebi ba mo kgaolong go etsa Rre Kokoro, go rotloetsa thuto le sepe fela se ba bonang se tlhoka thotloetsa. A re barutabana ba tshwere ka natla go rotloetsa bana ka meletlo ya kabo dompho le tse dingwe, mme tsotlhe di tlhoka madi. Rre Lesedi a re beng ba dikgwebo ga ba ka tsenya seatla tiro e ka nna motlhofo ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
Mogokgo wa sekole sa Boipelego le ene o supile boitumelo jo bogolo. A re go simolola ka ngwaga wa 2019 maduo a sekole a ne a wela tlase, a re sekole se ne se dirile 53.7 per cent, 2020 sa dira 51.4, fa ka 2021 se ne sa dira 43.8.
Amantle Tebape, yo e leng ene o gaisitseng baithuti botlhe ka le tshwao la ntlha, a re o itumeletse mpho e a e filweng ke Rre Kokoro a bo a lebogela thotloetso le kemo nokeng ya setlhopha sa baithuti ka ene se a neng a bala le sone, barutabana ba sekole le batsadi ba gagwe, ba e leng bone ba mo dirileng gore a kgone e nne sekgantshwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phodiso Gaebepe
Location : PAJE
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Nov 2023