Nguvauva o ngongorega ka boitsholo jwa banana
08 Dec 2013
Kgosi ya morafe wa Ovambanderu a re o tshwenyegile thata ka boitshwaro jo bo makgasa jwa banana ka bangwe ba felela ba tsaya ditshwetso tse di seng maleba.
Kgosi Kungairi Nguvauva o ikuetse jalo kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa mokgatlho wa banana ba letso la Mbanderu, jo maikaelelo a jone e leng go tla go itsaya motlhala go bona gore a makalana a mokgatlho go tswa ntlheng tse nne tsa lefatshe leno a fitlhelela maitlamo a mokgatlho. A re ga ba jesiwe diwelang ke dikgang tsa banana bangwe ba ba tsweletseng ka go amega mo dipolaanong tsa baratani le go ikgapela matshelo mme go sena mabaka ape a a nonofileng.
Kgosi Nguavauava a re go simolola ngwaga ono go fitlha gompieno ba nnile le dikgang tseo di feta botlhano. A re mo go latediseng dikgang tseo go bona modi wa tsone ba fitlhetse e le gore banana ba ba amegang ke ba ba nang le botsalano jwa marato. A re mo motseng wa bone ke selo modiro fela ka dikgang tseo di golela pele, mme a kopa bogogi jwa mokgatlho go ema ka dinao go lepalepana le dikgwetlho tseo ka di diga seriti sa morafe wa ba Ovambaderu.
Kgosi o supile fa seo e le matlhabisa ditlhong bogolo jang ka go sena mabaka a a utlwalang a gore ke eng banana ba felele ba amgega mo ditirong tseo tsa bohutsana.
Kgosi Nguavauava o kgadile a sa kgwe mathe ditiragalo tseo a supa fa morafe wa Ovambanderu o tswa go lowe o sa itsege e bile o sa amane ka gope le ditiro tseo tsa botlhoka tsebe. A re mo malobeng ba ne ba sena dikgang tseo, a tlatsa ka gore di ne di welwa; o ka fitlhela di ama bagolo bangwe ba ba ipolelelang gore go padile ka botshelo. A re mo bogompienong go amega banana ba ba dingwaga tse di kwa tlase.
E re ka mokgatlho oo o itebagantse gape le go tsholetsa serodumo sa ngwao ya Ovambanderu, Kgosi Nguauva o ne a rotloetsa maloko ga mmogo le banana ka kakaretso go tshwaragana le merafe e mengwe mo lefatsheng leno. A re ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ga ba ikemela ka nosi mme ba emetse dikeletso tsa morafe, ka jalo go botlhokwa go kopana le merafe e mengwe gore ba anywe botsipa le kitso.
Kgosi Nguvauva a re malatsi ano e kare banana ba tlaa inaakanya thata le mmino le meopelo ya sesha ba lebala segabone. Ka jalo o ne a ba kopa go leba kwa ba go tswang a re ba tswakanye mme ba remeletse thata mo ditirong tsa ngwao. Lebutswapele la Ovambanderu, Rre Karure Venjonoka, o ne a iteela kobo moroka mafoko a ga Kgosi, a supa fa ngwao e le yone konokono ya botshelo mme ke ka jalo merafe ka go farologana e tsweletseng ka go e somarela.
A re ngwao ke yone motheo le seikokotlelo sa malwapa, ka jalo e tshwanetse ya somarelwa ya bo ya tlotlomadiwa. A re gompieno bana ba gola fela ba sa ikitse le fa ele go itse batsadi ba bone; a kaya fa seo se dirwa ke tlhaelo ya thuto le kitso ka ga ngwao ya bone.
Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Joseph Uananisa, le ene o ne a supa fa ba tshwenngwa thata ke boitshwaro jwa banana bangwe ba ba inaakantseng le dinotagi ga mmogo le tsone dipolaano ta baratani le go ikgapela matshelo. A re ba ipapanne go ema kgatlhanong le diemo tseo ka jaana di baya bokamoso jwa banana ka fa mosing.
A re e re ntswa ba sena tharabololo mo bogompienong, ba ikemiseditse go dira megwanto le ditshupetso go supa fa go ikgapela botshelo e se tharabolo ya mathata. Mokgatlho oo yo o bidiwang Mbaderu Youth Association of Botswana o itebagantse thata le go tsosolosa, go tlotlomatsa le go somarela ngwao ya morafe wa Ovambanderu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmola
Location : MAUN
Event : Bokopano jwa mokgatlho wa banana
Date : 08 Dec 2013






