Breaking News

Ba amogetswe ka atla tsoo-pedi

19 Nov 2023

Bana ba masiela ba le masome mane le borataro ba ba neng ba ile tshidilong maikutlo kwa Mmokolodi ba amogetswe ka ’atla tsoo-pedi ke batlhokomedi ba bone kwa kgotleng ya Letlhakeng ka Labotlhano.

Mo mafokong a kamogelo, moemela kgosi kwa Letlhakeng, Kgosi Rantsimane Banyatsi o lebogetse tshologelo ya batsadi kwa tirong eo, a re ke sesupo sa lerato.

Kgosi o kopile bana go tshegetsa dithuto tse ba sa tswang go di rutwa, a bo a ba kopa go nna le botho jo bo eletsegang.

Mmaboipelego, Mme Kelebogile Mahlanga, o ne a tlhalosa fa dingwaga tse di fetileng ba ne ba afa bana dijo fela, ba sa lemoge gore ba na le matshwenyego.

A re puso e ne ya bona go tshwanela go tsaya bommaboipelego ba ba rutetsweng go sidila maikutlo, go sidila bana maikutlo ka tsela e ba rutilweng ka yone.

Mogolwane wa boipelego, Mme Segone Molapisi o kaile fa tshidilo maikutlo e kgaogantswe ga raro, ya ntlha ba tsaya ngwana yo o tlhokafaletsweng ke batsadi jaaka a ntse, ya bobedi e le go ba sidila maikutlo mo dibekeng tse pedi, go ba ruta ka ditshwantsho go supa ka fa ba tshelang ka teng le ba ba tshelang le bone, le mathata a ba kopanang le o ne, ya laboraro e le go ba ntsha mo lefifing le ba neng ba le mo go lone go ba isa leseding.

Mongwe wa bana, Rethabile Mothibi o supile fa ba ne ba bua ka matshwenyego a bone kwa malwapeng le go supa ka fa ba tshelang ka teng, le mathata a ba kopanang le o ne. O supile fa bana ba bangwe ba supile fa ba kgokgontshiwa ka tsa tlhakanelo dikobo. Theo Setlhobogwa ene o kaile fa ba ne ba rutwa gore go itshidila mmele go botlhokwa.

A re ba ne ba fiwa sebaka sa go tshameka le balekane ba bone go ya go bona diphologolo ka mefuta.

Mmaboipelego, Mme Naledi Nkgokga o kaile fa ka dinako tse dingwe kutlobotlhoko e ba ngaparela, mme dinako tse dingwe batho e le bone ba ngaperelang kutlobotlhoko, a bo a kopa bana go tlogela kutlobotlhoko gore ba sale e le bone fela. Mokhanselara wa Kaudwane/Sorilatholo, Rre tower Segwaba o ne a kopa bana go ikanya Modimo le thuto, gore ba tle ba fitlhelele dikeletso tsa bone.

A re ba fetisetse thuto e ba e rutilweng kwa balekaneng ba bone a bo a tlhalosa gore fa ba ka tshwara ka thata mo thutong, ba tlaa kgona.

O ba kopile go ikgapha mo dinotaging le gore ba nne sekao mo lefatsheng le mo balekaneng ba bone. ENDS

 

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 19 Nov 2023