Breaking News

Makhanselara a batla pego ka sekole sa Maun

08 Dec 2013

Makhanselara a Bokone Bophirima a kopile lephata la thuto mo kgaolong ya Ngami go ba neela pego e e tletseng mabapi le ditiragalo tse di diragalang kwa sekoleng se segolwane sa Maun.

Fa ba kgwa kgaba mafoko a modulasetilo wa khansele, Rre Lathang Molonda, makhanselara ba supile fa go se maleba gore pego ya gagwe e bo e sena dikgang tsa sekole se segolwane sa Maun ka go bo di kwala thata mo metsweding ya dikgang. Ba re sekole seo se aparetswe ke dihawa tse di tla felelang di ama maduo a baithuti; mme go lebega lephata la thuto ga mmogo le bogogi jwa sekole bo sa eme ka dinao go lwantsha seemo sa sekole seo.

Ba supile fa sekole seo se tswa bogologolong se itsiwe ka maduo le boitshwaro jo bo eletsegang mme gompieno dilo di fetogile, di fetogetse masweng. Makhanselara ba re gompieno sekole se fetogile matlotla le lefelo le le sa ageng bana.

Ba supile fa baithuti ba senya dithoto tsa puso mme bogogi bo palelwa ke go bitsa batsadi go tla go lekodisanya le bone; ba tlatsa ka gore ba gakgamaditswe ke go bona bana ba tla ka makwalo a a supang fa batsadi ba tshwanetse go duela tshwenyo kwa sekoleng.

Mokhanselara Mme Botshelobokae Ramasu a re sekole seo se leswe le le tlhabisang ditlhong le ntswa se na le botsamaisi. O ne a botsa gore ke eng bogogi jwa sekole bogolo bo sa kope thuso kwa Ipelegeng go tla go ba thusa; a kaya fa seemo seo se baya baithuti mo diphatseng. A re e re le ntswa sekole se na le dikgwetlho tsa botlhoka tsebe jwa baithuti seemo sa leswe le sone se gakatsa seemo.

Rre Mmoedi Modiegi ene o ne kopa gore bogogi jwa sekole bo phatlhaladiwe ka go bonala bo palelwa ke tiro. A re mogokgo wa sekole ga a dire go lekane; a bo a kaya fa ene a sa bone botlhokwa jwa go kopa thuso kwa go ba Ipelegeng. A re bagokgo ba pele ba ne ba dira tiro ya bone ka bokgabane ka ba ne ba lemoga botlhokwa jwa thuto mo baneng. O boletse fa sekole seo se ne se nna se le mo seemong se se kgatlhasing ka nako tsotlhe le bone baithuti ba dira sentle mo dithutong tsa bone.

Mokhanselara Rre Kavuto Kangumbe ene o ne a lela ka seemo se se maswe sa sekole se segolwane sa Shakawe. A re sekole seo se sesha go bulwa mme gompieno se onetse mo se wang le maruelelo. A re sekole seo ga se tlhokomelwe ka fa tshwanelong, mme a supa fa ba ne ba dira maiteko e le bogogi jwa motse wa Shakawe go ya go buisa baithuti le go ba rotloetsa go tlhokomela dithoto tsa puso.

Mo dikgannyeng tse dingwe makhanselara a ne a kopa gore koporase ya metsi e rarabolole kgang ya letlhoko la metsi ka dikole dingwe di sa dire sentle ka ntlha ya seemo seo. Ba re baithuti ga ba tsene dikole sentle ka gantsi ba busiwa go sena metsi. Ba ne ba kopa khansele go tsibogela paakanyo ya dikole dingwe mo kgaolong.

Fa a tshwaela, Rre Molonda o kaile fa khansele e tlhaloganya ka seemo se se maswe sa dikago tsa dikole, mme a tlatsa ka gore go thata go baakanya ka jaana ba aparetswe ke letlhoko la madi. O kopile makhanselara go bolelela batlhophi ba bone boammaruri ka kgwetlho e e lebaneg khansele ka ditlhabololo, ka bontsi di sa kgonagale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya khansele

Date : 08 Dec 2013