Breaking News

Lehuma le tla a nyelela kwa Boteti

08 Dec 2013

Banni ba motse wa Khwee ba rotloeditswe go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e tswang mo dikomponeng le batho ka bongwe ka bongwe, ka go somarela se ba se abetsweng.

Kgakololo e e ntshitswe ke mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Matshelo a Batho Ba Ba Mo Mafelong a Kgakala le Ditlamelo, Mme Botlogile Tshireletso, ka Labone, Sedimonthole a tlhola malatsi a le botlhano, jaaka banni bangwe ba motse wa Khwee ba ne ba abelwa dihutshane le dikoko ka lenaneo le le simolodisitsweng ke molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati.

Mothusa tona a re o na le tumelo ya gore lehuma le tla nyelela mo kgaolong potlana ya Boteti ka gore makhanselara, dikgosi, bodiredi jwa puso le bagwebi ba tshwaragane, go thusa ba ba tlhokang. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o supile fa mabogo dinku a thebana, a supa fa lehuma le ka nyelela fa ele gore ba ba fiwang thuso le bone ba eme ka dinao go somarela se ba se abetsweng.

O supile fa lenaneo la ofisi ya ga molaodi le tlaleletsa mo go le le tsweletseng ka ofisi ya boipelego la go abela banni ba metse e kgakala le ditlamelo leruo gore ba itlhotlhore lehuma. Le fa maiteko a le teng, a dirwa ke puso le bagwebi, a go ntsha banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo mo lehumeng, Mme Tshireletso a re o tshwenngwa ke bangwe ba ba setseng ba rekisitse leruo le ba neng ba le filwe ke puso kana le nyeletse ka lene le sa fiwe tlhokomelo.

A re bangwe fa ba sena go fiwa leruo ba a le rekisa mme morago ba fetoge badisa ba lone. Mme Tshireletso a re puso e tshwenngwa gape ke bangwe batho ba ba itirileng bophiri phamola ka go tsietsa banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo ba reka leruo mo go bone ka diaparo le dikobo tse ba di tlhobogileng. “Ba dira jalo ba itse gore le nna mo mafelong a kgakala le ditlamelo ka jalo ba le tlakisa ka tse ba itseng gore ga le kgone go di bona motlhofo.”

Mme Tshireletso o tlhaloseditse banni ba Khwee gore puso e tla tswelela ka go ba abela leruo, mme a supa fa go tla dirwa tshekatsheko e tseneletseng go tlhomamisa gore go abelwa ba ba nang le lorato e bile ba le tlhaga go ka tlhokomela leruo gore le ate.
A re ba ba sa tlhokomeleng leruo le ba le filweng ga ba na go bona thuso ya mofuta oo gape.

Mme Tshireletso o akgotse thata seabe sa bagwebi ba kgaolo potlana ya Boteti ka go ntsha madi a a ka tshwarang P74 400, a a thusitseng go reka dihutshane tse di thusitseng go simolodisa lenaneo la ga molaodi la go thusa go nyeletsa lehuma. A re ke tiro ya botlhokwa, e supang lorato le kutlwelobotlhoko.  A re dikompone tse di thusang go tlhabolola matshelo a batho ba ba kobodikhutshwane di tlhoka go phophothwa legetla ka di rotloetsa maikaelelo a ga tautona a go agela Batswana ba ba senang bonno le go nyeletsa lehuma.

O supile fa lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki le tsweletse sentle ka thuso ya bagwebi ka go farologana le setshaba ka kakaretso. A re lenaneo le le thusitse banni ba Khwee ba le batlhano ngogola mme mono ngwaga le tla thusa ba le babedi.
Mme Tshireletso o lebogile lenaneo la ga molaodi Rre Porati go menagane, a re go jesa monate thata go bona modiredi wa puso a kgona go tswa ka lenaneo le le itebagantseng le go tlhabolola matshelo a batho. Go tlaleletsa madi a ntshitsweng ke bagwebi, Mme Tshireletso o supile fa lelwapa la ga molaodi Rre Porati le ntshitse P2 500.

Mothusa Kgosi ya motse wa Khwee, Gabareutwe Boloka, a re le fa gone morafe wa gagwe o thusiwa ke puso ka mananeo a go tlhabolola matshelo le go nyeletsa lehuma, jaaka thuo ya leruo le dikoko, sebe sa phiri ke gore sediba se se nosang leruo leo se na le lebaka se senyegile ka jalo leruo le phatlhaladiwa ke lenyora.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Boloka o lebogile go menagane go bona bangwe ba motse wa Khwee ba bone thuso. O lebogetse gape lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo. Kgosi Boloka o supile fa tota a sa ntse a sa itumedisiwe ke seemo sa tsela, a re ga e tsamaege ka jalo e ka kgoreletsa ba ba eletsang go thusa go etela motse wa Khwee.

Molaodi, Rre Porati, o supile fa e se la ntlha a dira tiro ya mofuta o, a supa fa a kile a abela bangwe dikoko a sa ntse a direla kwa kgaolong ya Charleshill, ka thuso ya bagwebi ba kgaolo eo. Rre Porati a re lenaneo le le akaretsa bagodi le banana ba dikhutsana ba ba sa direng sepe go tokafatsa matshelo a bone. A re o dira se ka lorato, tlotlo, kutlwelobotlhoko; a tlatsa ka gore maikaelelo ke go thusa batho ba le masome a mabedi le botlhano ngwaga le ngwaga, ba metse ya Mmeya, Mokubilo, Xere, Kedia le Khwee.

Moemedi wa bagwebi, Rre Tipson Mahube, a re ba ne ba kopiwa ke ofisi ya ga molaodi go thusa ka madi go simolodisa lenaneo le le itebagantseng le go nyeletsa lehuma. Rre Mahube a re bagwebi ba ntshitse dithebenyana tseo e se sesupo sa gore ba na le madi, a supa fa ba dirile jalo ba eteletswe pele ke mowa wa lorato le keletso ya go bona lehuma le fokotsegile.

Rre Mahube a re sepe se motho a se dirang se tlhoka lorato le boitshoko gore se tswelele pele, ka jalo a gakolola ba ba thusitsweng go nna boineelo le go dira ka natla gore leruo la bone le ate le bone ba kgone go thusa ba bangwe kamoso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Dec 2013