Breaking News

Morutabana o fitlhetswe a akgega mo setlhareng 2

16 Nov 2023

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse 48 a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng ka Laboraro.

Mogolwane wa sepodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re mosadi wa moswi o ne a ba begela fa a sa bonwe ka Matlhatso, kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le bongwe. Supt. Oteng o tlhalositse fa rre yoo wa kgotla ya Mannathoko a ne a emelela kwa lwapeng a kaya fa aya go baakanya koloi mme a seka a tlhola a boela gae.

“Letsholo la go batla moswi le ne la simolola mme ra kgona go bona koloi ya gagwe kwa teng ga motse gone kwa Mannathoko. Ka go ne go setse go le maitseboa, re ne ra tsweledisa letsholo maphakela a letsatsi le le lateleng, mme ra fitlhela moswi a akgega mo setlhareng” Supt Oteng a tlhalosa.

A re ba belaela moswi a ikgapetse botshelo mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se bakileng gore a feletse a tsere tshwetso ya go nna jalo. Supt Oteng a re moswi e ne e le morutabana kwa nngweng ya dikole tse di potlana kwa Serowe.

Mo go tse dingwe Rre Oteng o supile  fa go nyelela ga batho kwa kgaolong ya Serowe go sa jese ba sepodisi diwelang ka ba bereka go batla batho ba ba timetseng fa bangwe ba tsamaya ba sa laela go tswa kwa malwapeng mme bangwe ba nyelelela kwa masimo le kwa merakeng.

O boletse fa mo kgweding ya Ngwanatsele, go setse go nyeletse batho ba le barataro, ba le babedi ba bonwe mme a le mongwe a fitlhetswe a tlhokafetse.

Rre Oteng a re bathong ba ba nyelelang,  ke bana, bagolo le banana, ba gantsi ba tsamayang ba sa laela kwa ba go yang mme ba ba setseng mo lwapeng, ba begele mapodisi ka tlhobaelo ya bone.

O rotloeditse banni go begela mapodisi ka bofefo fa ba sa bone ba ga bone mme ebile ba sa mo tlwaela ka go tsamaya a sa laela.

O ikuetse mo banning ba Serowe le metse e e mo tikologong go nna ba thusa go batla batho ba ba timetseng go santse go le go sha. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : SEROWE

Event : POTSOLOSO

Date : 16 Nov 2023