Breaking News

Badiri ba Ipelegeng ga ba itumelele go amogelela mo mogaleng

16 Nov 2023

Babereki ba lenaneo la Ipelegeng kwa Tutume ga ba itumelele thulaganyo ya go ba amogedisetsa mo mogaleng ka ewallet, bogolo jang ka bangwe ba sa itse go bala e bile ba sena megala ya letheka e e nang le boranyane jo bo tlhokafalang.

A re ka jalo ba kopa thuso mo go ba bangwe go bo go felela go tsala gore ba amogwe madi ke dilalome.

Ba ntshitse matshwenyego kwa phuthegong ya modulasetilo wa khansele ya Tutume, Rre Thatayaone Kehitile ka Labobedi.

Mme Eva Nkwali a re tiriso ya ewallet e ba beile ka fa mosing, bogolo jang bagolo ba ba sa itseng go bala le go kwala le yone tiriso ya maranyane.

A re kgang eo ga e ba jese diwelang ka go setse go utlwala fa bangwe ba tsieditswe fa ba kopa thuso go balelwa molaetsa o o supang fa madi a tsene.

A re ba tlaa felela ba bereketse lesidi ka bana ba gompieno ba sena nnete ba amoga  bagolo madi a bone ka mothale oo.

O ne a kopa gore segolo ba busediwe kwa go amogeleleng kwa posong.

Banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwa ke go wa ga lekotswana la lebala la metshameko la motse ntswa le sa tswa go agwa.

Ba re tiragalo eo e supa fa tiro e sa dirwa sentle.

Modulasetilo wa khansele, e bile e le mokhanselara wa Dukwi, Rre Kehitile o ne a bolela fa tiriso ya dituelo ka cheke e emisiwa fa ngwaga ono o ya fifing, ka jalo a re khansele e simolotse go dirisa ewallet le Orange Money go ba tsenyetsa madi a bone mo go tsone.

Rre Kehitile a re poso e ne e ba turela, ka jalo ba ne ba bona go tshwanetse go fetola ka go dirisa ewallet le orange money go duela babereki ba Ipelegeng.

O ne a kopa maitshwarelo ka ba ne ba simolodisa lenaneo la go ba amogedisa ka tsamaiso eo e ntsha ba sa ba rerisa.

O ne a tlhalosa fa lenaneo fela jaaka dilo tse dingwe di na le dikgwetlho fa le santse le le lesha, a re mo tsamaong ya nako batho ba tlaa tlhaloganya.

Fa a tshwaela ka matshwenyego le boikuelo jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), a re dikomiti tseo ga di a tshwanela go baya fela mo pusong go di neela ditlamelo.

Rre Kehitile a re ba tshwanetse go tla ka methale le mananeo mangwe a go dira madi, gape di leke go tlhabolola matlo a tsone go a baya mo seemong sa segompieno go ngoka bahirisi.

O ne a rotloetsa batho go nonotsha tirisanyo mmogo ya bone le bodiredi, go thusa ka megopolo go netefatsa gore ditirelo di ntshiwa ka fa go tshwanetseng ka teng.

O ne a bolela fa lebala la metshameko le le neng le le mo legatong la ntlha la kago le thulaganyo ya teng e ne e akaretsa legora le matlwana a go aparelwang mo go one.

A re ka maswabi bontlha bongwe jwa lebota leo le ole.

A re khansele e santse e sekaseka se se ka tswang se digile lebota leo.

Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kopa batho go tsaya dikgang tsa kgokgontsho le tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana ka tlhoafalo.

Mogolwane mo lephateng la tiragatso molao kwa khanseleng ya Tutume, Mme Boitshwarelo Kamanga-Mate o ne a sedimosetsa ba-tsena phuthego ka melwana ya khansele eo.

Mme Kamanga-Mate a re melawana eo e lesome mme mo go yone go na le wa taolo ya diruiwa tse di ruelwang mo motseng.

A re go le gantsi leruo ga le tshidise batho bangwe sentle, ka jalo molao o rotloetsa morui go ntsha leruo le tshwana le dikoko, dikgomo dipodi le maphoi mo motseng.

A re go na le yo o thusang go laola majalwa a a titielwang mo malwapeng le medumo e e tlhorontshang batho.

A re gore melao eo e diragadiwe go tlhoka tshwaragano ya bodiredi le setshaba.

Mme Kamanga-Mate a re dikgosi di neetswe tetla ya go letlelela batho go titiela majalwa le go a rekisa mo malwapeng, sebe sa phiri ke gore batho bao, ba titiela majalwa a a borai le go letsa masigo.

A re gape se sengwe se se tshwenyang mo motseng ke go runya ga dikereke tse di obamelang mo letshitshing la noka.

A re selo seo se baya matshelo a batho mo diphatseng.

Rre Mosupi Nkaki o ne a kgala tsamaiso e badirelapuso ba nnang kwa diofising ba sa diragatse melao kana go ruta batho ka melao gore ba e tlhaloganye mme ba dire se se tshwanetseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : TUTUME

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 16 Nov 2023