Breaking News

BOSASNET e ikatumetsa ba Tsabong

14 Nov 2023

 Go lwantsha ditagi e tshwanetse go nna boikarabelo jwa botlhe, bogolo jang ka di le borai mme e bile di ka felela di senyetsa bana bokamoso.

Mookamela mapodisi a e seng a seaparo mo Tsabong, Detective Superintendent Emmanuel Lesetedi o buile jaana mo pulong semmuso ya ofisi ya Botswana Substance Abuse Support Network (BOSASNET) mo Tsabong bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go tsibosa le go ruta setshaba ka ditirelo le ditlamelo tsa mokgatlho.

O ne a supa fa mapodisi a e seng a seaparo ba gatisitse dikgang tsa ditagi mo Tsabong di le lesome le borataro ngogola, fa mo ngwageng ono go simolola Hirikgong go tsena nako eno, ba gatisitse di le masome mabedi,  mo go tsone di akaretsa tagi ya CAT le tse dingwe.

Detective Supt Lesetedi o ne a tlhalosa fa go na le mefuta e e farologanyeng ya ditagi mo kgaolong eo e akaretsa CAT, metokwane le tse dingwe.

A re di setse di dirisiwa le mo dikoleng, selo se se nang le seabe mo kwelong tlase ya maduo.

O boletse fa ditagi tseo gantsi di tsena mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane go tswa mo mafatsheng a a mabapi jaaka la Afrika Borwa ka tiriso ya tsone e letlelesega teng.

Detective Lesetedi o ne a tlhalosa fa lekalana la gagwe le itebagantse le go tlhotlhomisa dikgang mabapi le metswedi ya ditagi gammogo le go tshwara badira molato, go ba isa fa pele ga lekgotla la ditsheko mme morago ba lebisiwe molato o ba ka felelang ba ya dikgolegelong.

A re go tsena ga ditagi ka bokukuntshwane mo lefatsheng leno go na le seabe mo kwelong tlase ya itsholelo ka go sena madi a lekgetho a a duelwang. 

A re batsadi bangwe ba rekisetsa banana ditagi. 

Mo mafokong a gagwe, mogolwane go tswa khuduthamageng ya BOSASNET Mme Tunda Kebakile o ne a tlhalosa fa maitlamo le maikaelelo e le go ruta, go sireletsa le gone go aga Batswana ba ba iphitlhelang ba le mo tirisong botlhaswa ya dinotagi go tlogela gotlhelele le gone go ema nokeng ba malwapa, masika le setshaba ka kakaretso ka dikgakololo tse di maleba.

Mme Kebakile o boletse fa ba ne ba bona go le botlhokwa go bula ofisi ka jaana ba ne ba tswa kgakala ba tshwagagane le barutabana go simolola ka 2016 ka jaana baithuti ba Tsabong Unified Senior Secondary School (TUSS) ba e leng bone ba ba amegang thata mo ditaging mme ba ba thusa ka tshidilo maikutlo le gone go ba aga sesha.

O ne a supa fa maikaelelo a mokgatlho e le go anama lefatshe ka bophara mme mo nakong ya gompieno ba butse ofisi fela kwa Gaborone le Tsabong fa kwa mafelong a mangwe ba isa ditirelo go araba selelo sa Batswana, bogolo jang kwa dikoleng.

Mme Kebakile o ne a rola semmuso badiri ba ba direlang mo Tsabong mme a kopa banni go ba amogela ka diatla tsoo-pedi ka ba ititeile sehuba go direla setshaba le gone gore ba ba dirise ka go tsisa ba ba tshwakgotsweng ke dinotagi le motsoko.

A re mo nakong ya gompieno ba setse ba thusitse sephatlo sa palo ya batho ba ba fetogileng mo matshelong a bone mme e bile ba boetse dikoleng, ditirong le gone go boelana le ba malwapa a bone. 

O supile fa 90 per cent ya setshaba e akola ditirelo le ditlamelo tsa bone ka tshwaragano ya ba lephata la botsogo, la thuto le ba sepodisi ka moroto wa o esi o sa ele.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe o ne a supa fa go le botlhokwa go bereka mmogo go hema ditagi, a supa fa nako e gorogile ya gore Batswana ba fetole dikakanyo, maikutlo le megopolo go thusa go itseela ditswetso tse di maleba le gone go tlhabolola matshelo.

Rre Baitsiwe o ne a gwetlha banni go dirisa ofisi ya BOSASNET ka go bonala fa go tlaa nna le diphetogo. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Pulo semmuso ya ofisi

Date : 14 Nov 2023