Breaking News

Sekole sa TUSS se faraferwe ke tiriso ya dinotagi

14 Nov 2023

 Mookamela lephata la thuto go tswa kwa moding mo Kgalagadi Mme Maipelo Kesenye o ikuetse mo bogoging, batsadi le ba-na-le-seabe mo kgaolong ya Tsabong go ema ka dinao, ba tshwaraganele go bolotsa ntwa kgatlhanong le tiriso ya dinotagi mo dikoleng, bogolo jang sa Tsabong Unfied Senior Secondary School (TUSSS).

O dirile boikuelo jo mo pulong semmuso ya ofisi ya Botswana Substance Abuse Support Network (BOSASNET) bosheng, e maikaelelo a yone e leng go aga le go sidila maikutlo a baithuti go ba ntsha mo dinotaging ka di felela di ba senyetsa bokamoso.

O tllhalositse fa dikgang tse di gatisitsweng mo sekoleng di le makgolo mabedi le bone di akaretsa dinotagi, go goga motsoko, go sa tseneng sekole sentle, go tlogela sekole, go tlhakanelang dikobo, dintwa, le kgokgontsho ka go farologana.

Mme Kesenye o ne a gakolola batsadi go tsaya boikarabelo le go nna le seabe mo dithutong tsa bana, le gone go nna sekao mo go bone ka boitsholo le botho jo bo amogelesegang mo setshabeng ka gantsi bana ba kopa se batsadi ba se dirang se siame kana se sa siama.

Mme Kesenye a re baithuti bangwe ba sekole seo ba inaakantse le ditiro tsa botlhoka tsebe jaaka go kgokgontsha ba bangwe ka dintwa le bogodu.

A re ba tswa kgakala ba dira mmogo le baruti le mapodisi go bepisa seemo se, bogolo ka go kopa Ramasedi mme go lebega fa se tsweletse ka go tsaya phekelo e sele ka dikgang tsa mefuta eo di runya kgapetsakgapetsa, selo se se tshwanetseng sa tsibogelwa ka bonako. O ne gwetlhile dikgosi le setshaba ka kakaretso go tsenya letsogo go tsibogela seemo seo ka go bopa dikomiti tsa twantsho ditagi kwa dikgotlaneng tsa motse oo.

Mogolwane kwa Khanseleng ya Tsabong, Rre Tebogo Palai o ne a supa fa dinotagi di ama le kwa ditirong, ka badiri ba felela ba sa ntshe maduo a a solofetsweng gape ba lofa, a supa fa mokgatlho oo o le maleba ka o tlaa thusa go bopa le go aga.

O boletse fa tsholofelo ya BOSASNET e le go aga badiri ba tlhwatlhwa ba ba ntshang maduo a a melediwang mathe mme seo se tsholetse itsholelo ya lefatshe leno. O ne a kgothatsa batsadi go tlhokomela bana ka nako tsotlhe go itse metsamao ya bone le gone go ba ema nokeng mo dithutong ka e le bone babusi ba kamoso.

Mooki kwa kokelong ya Tsabong a itebagantse le botsogo jwa tlhaloganyo, Rre Ofentse Kemoabe o ne a gakolola banana le setshaba go ikgapha mo go inaakanyeng le ditagi ka di felela di ama botsogo jwa bone, bogolo jang ditlhaloganyo.

O ne a bolela fa go na le batho ba ba dirisang dinotagi phetelela mo motseng ka o bapile le molelwane mme gantsi go lemosega fa ba di tsaya mo lefatsheng le le mabapi. 

A re go le ga ntsi di-tla morago tsa tiriso botlhaswa ya dinotagi e ama malwapa ka go dirisiwa madi a mantsi mme go felele go baka lehuma, malwetse a pelo, kgokgontsho le kotlomelo ya maikutlo.

Go le pele fa a ba amogela, Kgosi David Toto II wa Tsabong o gakolotse batsena bokopano go tsaya dithuto tseo ka tlhoafalo le go fetisetsa molaetsa kwa go ba bangwe ka o le mosola mo go bone go ba thusa go fetola boitshwaro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Nnotagi

Date : 14 Nov 2023