Ntswaneng o rotloetsa bomme go itshetlela mo maikutlong gore ba fole
13 Nov 2023
Bomme ba rotloediwa go itshetlela mo maikutlong fa ba raletse dikgwetlho ka e bile e le bone ba rweleng mekgweleo ka gape e le bone ba tshegeditseng malwapa.
Mafoko a, a builwe ke moitseanape wa tsa itshidilo maikutlo, Mme Botho Ntswaneng kwa bokopanong jwa bomme jo bo neng bo rulagantswe ke kereke ya Apostolic Faith Mission mo Molepolole, ka fa tlase ga setlhogo sa; Go Fodisa Dintho.
Bokapano jo, bo ne bo rulaganyeditswe bomme ba kereke eo go kopana ba buisana ka mathata a ba a raletseng mo botshelong ntswa e se mathata a ba tshwanetseng go tshelela mo go one, mme e le diemo tse go fetwang ka tsone go rupisa mosadi, go mo thatafatsa e bile di mo nonotsha gore a nne jaaka sethunya se se tswang mo manyanyabeeng.
Thulaganyo e ya tshidilo maikutlo go ne go laleditswe baitseanape ka go farologana go ya go thuba bomme matsadi le go bua ka dikgwetlho tse ba di raletseng ka tumelo ya gore go dira jalo ke tshimologo ya pholo ya bone.
E ne ya re a bua le bomme, Mme Ntswaneng a tlhalosa fa a ya go bua puo e e tlhamaletseng go leka go bontsha bomme modi wa kgang ya mathata a bone a sa fitlhe sepe.
A re bomme ba raletse diemo le dikgwetlho tsa botshelo, dingwe tsa tsone di tshwana le go ima boimana jo bo sa rulaganngwang, ba tshodisiwa bana ke borre ba bo ba ba tlogela, manyalo a a sa ba berekeleng, itsholelo ya bone e le kwa tlase ba sa dire sepe sa go otla le go boloka malapa a bone.
A re mo go tse tsotlhe, mme o alafiwa ke mang fa a raletse diemo di tshwana le tsa tlhalo, dintho tsa bogologolo tsa go amogwa boswa, ba kgona jang go belega bana ba ba nang le bogole le tse dingwe.
Mme Ntswaneng a re mme o tshwere go le gontsi, ke ka moo go neng go le botlhokwa gore bomme ba nne mmogo ba kgothatsane ba emane nokeng, ba lele mmogo ba fodisane dintho tsa bogologolo, ba tamole boladu jwa dintho tseo.
Ka jalo a re go ne go le botlhokwa gore ba arogane mapaki a bone go sidila maikutlo.
A re se se neng se le botlhokwa le go feta ke gore mo thulaganyong eo, bomme ba ithutile gore ga se bone fela ba raletseng diemo jaaka fa ba ne ba utlwa mapaki a ba bangwe le bagolo ba ba lemotsha gore go ntse fela jalo mo botshelong.
Ka jalo o rotloeditse bomme go itse gore go tla ga bone mo lefatsheng ga se phoso e bile ba tletse go dira pharologanyo mo lefatsheng, ka jalo a ba kopa go ema ka dinao gore ba itshetlele mo go tsotlhe tse ba di raletseng.
Mme Sally Thembile yo o dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe o ne a bolelela bomme fa e le motlholagadi morago ga gore a tlhokafalelwe ke rre morago ga dingwaga tse di lesome ba le mo nyalong e e boitshepo.
O ne a bolelela bomme gore mo dingwageng tse tlhano a tlhokafaletswe ke rre, o ne a itshwarelela jang gore a kgone go tswelela pele le botshelo.
O rotloeditse bomme gore fa ba raletse dikgwetlho, Modimo ke ene seikokotlelo sa bone ba mo ikanye ka jaana o ne a dira jalo fa go ne go le thata mme jaanong a fodile.
Mme Thembile a re go botlhokwa go amogela seemo le go itshwarela, a tlhalosa fa dintlha tse pedi tse e le tsone konokono mo mosepeleng wa pholo.
Bomme ka go farologana ba ne ba afa mapaki a diemo tse ba di raletseng ba kgothatsa ba bangwe gore ba itse gore ga ba nosi mme e bile ke bone ba ba ka fenyang diemo tseo.
Bomme ba ne ba supa fa ba itumeletse letsatsi leo ka bangwe ba bone ba tsile ba imelwa ke maikutlo a a tobekaneng mme ba dule foo ba fodile mo meweng ka ba itemogetse gore go bua ka mathata ke tshimologo ya pholo.
Fa a tlhalosa maikaelelo a bokopano joo, Mme Nametso Mfundisi o ne a tlhalosa gore ka 2020 ka nako ya kiletso mesepele ya segajaja sa COVID-19, e le kereke ba ne ba itemogela dilo tse dintsi mme seo sa ba bula matlho ka ditsela tse di farologanyeng ka jaana ba ne ba lemoga dikgwetlho kgotsa matlhoko a mantsi a batho ba neng ba a ralala, bogolo jang bomme.
A re ba ne ba lemoga fa bomme ba raletse diemo tse di bokete ka e bile sepe fela se se bosula se amanngwa le mme.
Mma Mfundisi a re basadi ba na le dintho tse di farologaneng dingwe di fa godimo, fa dingwe di tshologa madi mme dingwe di tutetse.
A re maikaelelo magolo a moletlo oo e ne e le go tla go thuba matlhoko a, mme bomme ba tswe foo ba noseditswe e bile ba nonofile mo maikutlong gore ba kgone le bone ba ye go aga bomme ba bangwe.
Moletlo o, o mo ngwageng wa bolesome le motso kereke e ntse e o tshwara ka fa tlase ga setlhogo se se farologanyeng ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Bokopano jwa bomme ka kereke ya Apostolic Faith Mission
Date : 13 Nov 2023