Batho ba ka anamisa tlhako le molomo
13 Nov 2023
Baruakgomo ba kgaolo ya Borolong le morafe ba kopilwe go itlhokomela le go tlhokomela leruo la bone go itsa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhagogileng kwa Aferika Borwa go tsena mono.
Go boletswe fa go le mo maruding a morafe go netefatsa gore bolwetse ga bo anamele mo lefatsheng la Botswana ka go dira maiteko a tshwana le go emisa go tlola terata ya molelwane ka e le bone ba ka tlang ka jone.
Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mabule, Rre Eric Molale o buile jaana fa a buisana le bogogi jwa metse e e iphaphathileng ka terata ya molelwane, dikomiti tsa barui le dikomiti tsa ditlhabololo ka letsatsi la Matlhatso.
“Emisang go kgaola terata, go etela baagisanyi le tlola fa go sa letlelelweng teng, le go tla le pakile dinama ka gore go dira jalo ke gone jaaka le tlaa bo le tsenya bolwetse mo lefatsheng la rona.”
O ba boleletse gore fa bolwetse joo bo ka tsena, go tlaa bo go raya gore madirelo a dinama a a tswalwa le bone ba tlaa bo ba sa kgone go direla bana seshabo.
“Ke kopa gore lo kgalemelaneng lo bo lo ikgalemele ka gore ke lona fela lo ka thusang puso go lwantsha bolwetse jo.”
Rre Molale o ne a ba fa sekai ka dikgomo tsa kwa Ngamiland tse a reng di ne tsa bolawa tsotlhe di sena go tsenwa ke bolwetse jwa lekgwafo.
A re ka nako eo e ne e le selelo le khuranyo ya meno mo banning ba kgaolo eo.
O tsweletse a ba kopa gore motse mongwe le mongwe o netefatse gore o rema ditlhare mo molelwaneng, o ntsha dikgomo mo molapong le gone go disa leruo la one.
Mopalamente o ba boleletse gore go ya kwa pele jaanong ba itse gore go setse fela gore ba sale ditaelo morago, a tlatsa ka go re yo o sa direng jalo o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng.
Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Fanki Motsaathebe o ne a kopa setshaba gore se ikilele ka gore itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka thuo.
A re fa bolwetse bo ka tsena go tlaa bo go raya gore matshelo a bone a a ema.
Ba lephata la temo-thuo ba kopilwe go bona gore ba epa didiba kgakala le terata ya molelwane gore barui ba emise go nosa mo molapong o o kgaoganyang lefatshe la Botswana le la Afrika Borwa ka go dira jalo go rotloetsang leruo go tlola molelwane.
Barui le baeteledipele ba metse ba supile fa ba tlaa leka ka thata gore ba dire dilo sentle ka ba itse sentle gore fa bolwetse bo ka tsena mpuru o tlaa bo a faretswe.
Ngaka ya malwetse jwa leruo, Rre Benjamin Sebonego o ne a iteela moroko mafoko a mopalamenteka go kopa barui go simolola go tlhatlhela leruo le go le disa.
A re ba tshwanetse gape go tshwaya leruo ka go le botlhokwa go itse tlholego ya kgomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : BAROLONG FARMS
Event : Phuthego
Date : 13 Nov 2023