Ba Itumeleng ba lela ka borukutlhi
12 Nov 2023
Banni ba kgaolwana ya Itumeleng mo Gaborone ba solofesitswe tharabolola ya borukutlhi mo kgaolwaneng ya bone gore ba nne ka pabalesego.
Mokhanselara wa Itumeleng, Mme Motamma Horatius o solofeditse jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng, morago ga gore banni ba Kgaolwana eo ba lele ka seemo sa borukutlhi.
Mme Horatius o tlhalositse fa a tsaya dikgwetlho tsa banni ka tlhoafalo, e bile a itse fa di tlhoka go tsibogelwa ka nako.
Mme Horatius o supile fa a bone go le maleba go ipha sebaka go lekola banni ba kgaolwana ya gagwe gore a ikutlwele megopolo le matshwenyego a bone gore a kgone go ba fa kemedi e e maleba kwa khanseleng.
Mokhanselara Horatius o ne a patilwe ke bodiredi jwa puso go tswa kwa khanseleng ya Gaborone, kwa ga Molaodi wa Gaborone ga mmogo le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana eo, go tla go itheeletsa le go tsibogela matshwenyego a banni ka ditirelo tsa diofisi tsa bone.
Mme Horatius o rurifaleditse banni fa a tlaa tswelela ka go ba fa phetolo ka tsotlhe tse ba di mo romileng kwa khanseleng.
O rotloeditse banni go tsaya malebela mo dikomiting tse dingwe tsa ntebele ke go lebele gore ba kgone go thusana le mapodisi mo go lwantsheng borukutlhi.
Mokhanselara o gateletse botlhokwa jwa go tshwaraganela ntwa ya go lwantsha borukutlhi le masepodisi ga mmogo le go ba loma tsebe ka bofefo, a re ke yone tsela e e maleba e banni ba tshwanetseng ba e ikanya.
Mme Horatius o rotloeditse banni gore fa ba na le dikgwetlho ba nne ba mo itsise ka bofefo, ga mmogo le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana gore matshwenyego a bone a kgone go rarabololwa nako e le teng gape a ise a kekele.
Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba lebogela mokhanselara go bo a iphile sebaka go tla go ba buisa gammogo le tirisano mmogo e a nang le yone le bone, ka go tshwara diphuthego go ba lekodisa ka dipuisanyo tsa bone kwa khanseleng tse di amang ditlhabololo tsa kgaolwana ya Itumeleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : GABORONE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 12 Nov 2023