Se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata - Monnakgotla

12 Nov 2023

 Banni ba Dimajwe kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba kgothaditswe go ipopa ditlhopha mme e re morago ba kope go thusiwa ka mananeo a puso, go tlhabolola matshelo a bone.

Mothusa Tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla, o boletse fa go dira dikoporase go le botlhokwa go na le fa batho ba dira ka bongwe ka bongwe.

Mme Monnakgotla yo a neng a buisa phuthego ya kgotla kwa Dimajwe ka Matlhatso, o boletse fa puso e rotloetsa mowa wa bojammogo, batho ba dira ba le seopo sengwe.

O tlhalositse fa e tlaare Ngwanatsele a le malatsi a le lesome le botlhano, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ba etele, go ba lekola. A re puso e ne ya bona go tshwanetse go tswa ka mananeo a a ka thusang ba ba nnang kgakala le ditlamelo, go re ba itshetse.

Mme Monnakgotla a re go ikopanya ba nna ditlhopha ba bo ba kopa dithuso go botoka thata.

“Ke motho wa mme, ke a lo rata, ke rotloetsa thata bomme le banana go ema ka dinao ba dire dikgwebo tse di ka ba hirang ba bo ba hira le masika a bone jaaka go lema merogo le go rua dikoko,” Mme Monnakgotla a kgothatsa.

A re puso e dule ka mananeo a maikalelo e leng go thusa ba ba kgakala le ditlamelo mme ga ba a dirise.

O ba tlhaloseditse ka Ipelegeng e e tlhabolotsweng, a re badiri ba yone ba rotloediwa go dira ka natla, ba supe dikitso tsa bone mme e tlaare morago ba sekwasekwe, ba bo ba neelwa ditlankana go lebilwe bokgoni jwa bone, tse e tlaareng morago ba hirwe ke dikhamphani le madirelo a mangwe, go lebilwe tsone.

Mothusa tona o boletse fa a amogela gore madi a Ipelegeng a ga a lekana mme a bolela fa puso e tlaa nna e oketsa fa itsholelo e tokafala.

Mo go tse dingwe o rotloeditse banni ba dikgaolwana tse di kgakala le ditlamelo go tlhokomela leruo le ba le abetsweng ke puso go itshetsa ka lone.

Fa ba mokgwa dikgaba, banni ba ngongoregile ka tsela ya Mmashoro-Dimajwe, ba bolela fa e le maswe mo bagwebi le badirelapuso ba tshabang go etela motse wa bone.

Rre Kabelo John o boleletse mothusa tona fa tsela eo e busetsa ditlhabololo tsa motse kwa morago ka gore dikoloi tse di e dirisang di senyega kgapetsa kgapetsa.

Rre Leagile Gosiame e ne o supile fa dilo di dirwa fela fa matona kana Tautona a ba etela mme morago ba sa le mo leshekereng.

Rre Gosiame o boletse fa ditiro tse di thapetsweng dikhamphani dingwe di sa dirwe mo go kgotsofatsang.

Mme Dorcas Tapiso o ikuetse mo go mothusa tona gore matlo a ba a agelwang ka lenaneo SHHA, a sena boleng ka gore bontsi jwa o ne a setse a ranyega le go tsenwa ke metsi a pula mme ba duela sekoloto.

Banni ba ngongoregile gape ka lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Paje, ba bolela fa ba sa le ba ba solofeditse go ba baya ditsha mme nakokgolo ke eno.

Mokhanselara wa kgaolo, Rre Elijah Masedi o lebogetse mothusa tona go etela metse ee kgakala le ditlamelo.

Rre Masedi o rotloeditse tirisano mmogo mo motseng, fa gare ga morafe le bogogi gore ditlhabololo di seka tsa diega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : DIMAJWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 12 Nov 2023