Kgosi Tshipe o lekola banni ba Shakwe

12 Nov 2023

Kgosi ga e na dithata  tsa go laola gore motho kgotsa moikuedi a seke kgang ya gagwe kae.

Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye ebile e le mothusa modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi gape o buile se kwa Shakwe jaaka a ne a etetse teng go lekola banni le go ba itsise fa e le  kgosi ya bone yo mogolwane.

Kgaolo ya Mahalapye e kgaogantswe ka dikgaolwana di le tlhano tsa bogosi.

Kgosi Tshipe o tlhalosiste fa dikgosi di sa tshwanela go tsaya ka maikutlo dikgang tse di tsisiwang fa pele ga bone gore ba di rarabolole, a re ba tshwanetse go reetsa ba bo ba tsaya ditshwetso ntle le go tsaya matlhakore e bile ba itse gore mongwe le mongwe o sireleditswe ke molao-motheo.

A re dikgosi di seka tsa tsaya gore fa moikuedi a isitse kgang ya gagwe kwa pele go ya go sekwa gape, o a bo a nyatsa ditshwetso tsa bone.

O boletse fa tiro ya kgosi e le go thusa setshaba, e sa gobelele e bile e dira ka tekatekano.

Kgosi Tshipe o tlhalositse fa kgosi e bereka dinako tsotlhe, e sena nako ya boikhutso, a re se ke ka lebaka la gore dikgosi ga di a thapiwa jaaka babereki ba bangwe jaaka badirelapuso.

A re jaaka e le moemela kgosi yo mogolwane boikarabelo jwa gagwe ke go bona gore setshaba se se mo dikgotleng tse a di okametseng se bona ditlamelo ka fa go tshwanetseng.

Monni wa motse, Rre Reeneetswe Ramosoto o supile fa ba itumeletse mafoko a kgosi, go ba ruta ka dikgang tsa bogosi tse ba ntseng ba sa di itse sentle.

O rotloeditse banni ba Shakwe gore ba ikiteye ka thupana ba bereke ka natla gore ba tsosolose motse wa bone.

O ne a kopa gore baakanngwe ditsela tse di mo motseng tse di tsamaelang kwa dikgotlaneng.

E ntse e le mo loetong la bogogi, kwa Taupye Molaodi wa kgaolo ya Mahalapye, Rre Ernest Phiri o rotloeditse banni go tsaya mananeo a a tlhabolotsweng ka tlhwaafalo, ba a dirise go tokafatsa matshelo a bone. O nankontse lenaneno la Temo Letlotlo a rotloetsa Batswana gore ba le dirise ba tle ba kgone go bona  dipoelo mo temong.

A re Batswana ba tswa kgakala ba itshegeditse ka temo mme go tlaabo go le thona fa ba ka e ikgatholosa mo nakong eno e e tlhokegang thata.

Rre Phiri a re maikaelelo a puso ke go tswakanya itsholelo mme ke ka moo e emeng temo-thuo le balemi-barui nokeng, ebile e tswa ka methale ya go tokafatsa mananeo. 

O kopile Batswana reka dijo le dithoto tse dingwe mo gae, go rotloetsa dikgwebo tsa Batswana.

Rre Phiri o rotloeditse mowa wa boipelego a supa fa motse o tlhabololwa ke beng ba o ne. ends

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : SHAKWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 12 Nov 2023