Ikwadisetseng Temo Letlotlo
09 Nov 2023
Molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Rre Frederick Rantsho o kopile balemi ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami go ikwadisa mo lenaneong la Temo Letlotlo.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Dr Kesitegile Gobotswang kwa Tumasera le Seleka ka Labobedi, a re balemi ba tlaa ikwadisa ka maranyane ba dirisa mogala wa letheka mongwe le mongwe mme ba thusiwa ke balemisi.
Rre Rantsho o supile fa go ikwadisa go tlaa thusa gore go itsiwe gore go na le balemi ba le kae, ba lema kae, ba lema ditema di le kae le gore ke balemi ba ba tlhaga go le kae.
A re balemi fa ba sena go ikwadisa ba tlaa kgaoganngwa ka gore a ke molemi yo gotlhelele a senang letseno lepe, yo o amogelang kwa tlase ga P2 500, ba ba amogelang kwa godimo ga P2 500 le ba bangwe fela jalo mme ba tlaa sekwasekwa ke ba lephata la boipelego gore ba wela fa kae. A re Temo Letlotlo e rotloetsa gore Batswana ba nne le dijo kwa malwapeng.
O kaile gape fa balemi ba tlaa bo ba sa tlhole ba duelelwa ke ba lephata la temo-thuo mme ba tlaa neelwa madi gore ba ituelele ba ba ba lemelang le go reka tsotllhe tse di tlhokafalang.
Mo go tse dingwe, Rre Rantsho o gakolotse balemi go baakanya masimo a bone go ipaakanyetsa temo. A re bontsi jwa masimo a supa fa a ise a epiwe ditema tse di kgotsofatsang le go agelelwa sentle ka jalo, balemi ba tshwanelwa ke go itsolopanya go oketsa ditema.
A re mo nakong eno, balemi ba tshwanetse ba tsibogele go dira tsotlhe tse di tlhokafalang gore masimo a bone a nne ka maemo dipula di ise di simolole.
O ne a rotloetsa balemi go itlwaetsa go dirisa dipeo tsa setso tse di tlwaetseng seemo sa lefatshe leno sa bosa.
A re dipeo tse ba di dirisang thata tsa mmoulo ga di bogadi bogaufi ka di dirisiwa thata kwa mafatsheng a dipula e leng matsorotsoro.
Rre Rantsho o kopile balemi go bula ditsela kwa masimong a bone, a re mo malatsing a gompieno ga go gontsi gore batho ba ithaopele go bula ditsela tsa masimo ntswa sekgwa sa tsone se le borai ka dirukutlhi di kgona go iphitlha mo go one.
O kopile balemi go tsosa matlo a bone kwa masimo ka mangwe a setse a o le, gore ba kgone go tlhokomeka dijwalo ba nna kwa masimo, thobo e tle e nne e e botoka.
A re bontsi jwa balemi ba tlhokomela masimo ba nna kwa gae mme seo se ise thobo kwa tlase ka ba tlogela dinonyane mo ditshimong.
Rre Rantsho o itsisitse balemi ka lenaneo le lesha la Temo Letlotlo a supa fa ba tlaa thusiwa ka lone mme le ba neng ba thusiwa ka lone pele la ISPAAD le sa tlhole le le teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : TUMASERA/ SELEKA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 Nov 2023