Ba Ga- Mmangwato ba rapelela pula le go amogela Temo Letlotlo
09 Nov 2023
E re ka jaana paka ya temo e gorogile, Ba Ga-Mmangwato, ba eteletswe pele ke mothusa kgosi wa Ga-Mmangwato Kgosi Serogola Seretse ba ne ba phuthaganeletse kwa kgotleng kgolo go rapelela pula.
E rile a ema morafe ka lefoko Kgosi Seretse a re ka nako ya tlala le lenyora ga go thona gore baeteledipele le morafe ba kopane go rapelela diemo tse di sa iketlang.
Kgosi Seretse a re se ke ka gore Modimo o fa tsholofelo ya gore fa batho ba ikokobetsa fa tlase ga gagwe o a reetsa.
O ne a adima mafoko mo lokwalong la ga Jeremiah 33:3 ‘mpitse ke tla go araba, ke go supegetsa tse dikgolo tse o sa di itseng’.
“Kopo yame ke gore e seka ya nna thapelo fela, e nne le tumelo ya gore se re se lopang re tlaa se bona” Kgosi a gatelela.
Reverend Pono Galekgone wa phuthego ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) a re Modimo ka nosi ke ene aka nesang pula ee tlhokegang gore batho ba leme.
Reverend Galekgone o supile fa balemi ba tshwanetse go tlhoafalela lenaneo la Temo Letlotlo, ba bo ba dumele gore temo e ka ba tshetsa.
E ntse ele kwa phuthegong eo, ba lephata la temo-thuo ba ne ba ipega mo magosing ka lenaneo la Temo-Letlotlo.
Mothusa mogokaganya ditirelo tsa temo-thuo Mme Oarabile Letsatsi a re ba bone go tshwanela go tsena merapelo go tla go ruta balemi ka Temo Letlotlo ka e santse ele magorogo masha.
Mme Letsatsi o tlhomamiseditse banni le magosi fa go tlaa tshwarwa phuthego e e e tlaa rutang ka lenaneo le ka kgwedi ya Ngwanatsele ele lesome le bofera bongwe.
Morago ga go tsharabolola lenaneo la Temo Letlotlo, banni ba ne ba a kgwa lekoko dikgaba ka dipotso le dikakgelo.
Monni wa Serowe, Mme Kitso Simon one a botsa ka dipeo tsa Setswana kana tsa bogologolo, a botsa gore a Temo-Letlotlo e tlaa di busetsa mo tirisong go netefatsa fa di sa nyelele.
Mme Simon o ne a lebogela puso lenaneo le a supa fa e bile le na le matlhasedi a lenaneo la bogologolo la ARAP le la ISPAAD.
A re se se mofa tsholofelo ya gore temo letlotlo e tlaa kgona go kaba phatlha e e neng e tlogelwa ke mananeo ao. Monni wa Serowe, Rre Monkgogi Lenkamile o supile matshwenyego ka mananeo a tlang thari kwa go bone mme e bile a dirisa maranyane a a reng a nako tse dingwe a sa berekeng.
Mme Kemmonye Setumo le ene e le monni wa Serowe a re ba lema ka kgwedi ya Tlhakole jaanong o ipotsa gore a e tlaare ka nako eo ba kgone go ntsha maduo a balemisi ba a solofetseng mogo bone. O ne gape a kopa puso go dira thulaganyo ya gore ba ye go tsaya malebela kwa baleming ba Pandamatenga ba ba tsweletseng sentle mo temong e bile ba ntsha dijo tse di meletswang mathe ke bontsi.
Fa Rre Keolopile Gaborone a ne a supa matshwenyego ka go akaretsa lephata la kabo ditsha golo gongwe mo lenaneong la Temo Letlotlo, a tlhalosa fa le tsamaisa dilo ka bonya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 Nov 2023