Breaking News

Batsadi ba gakololwa go tsaya boikarabelo

05 Dec 2013

Mokhanselara wa Tsabong bokone Rre Mock Ntau o gwetlhile batsadi go tsaya boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone ba dikhutsana.

O tlhalositse se mo moletlong wa kaloso ya bana ba neng ba tseneletse dithuto tsa tshidilo maikutlo kwa dithabeng tsa  Tsodilo bosheng.

Mokhanselara Ntau o supile fa e le  boikarabelo jwa  motsadi mongwe le mongwe go alosa bana ba ka ele bone bagogi ba  lefatshe leno ba ka moso, Ka  jalo o ne a kopa gore go seka ga tlhola gotwe motho ope ke khutsana ka bana ba e le ba motsadi mongwe le mongwe. O ne a tswelela ka go kopa botlhe ba ba nang le bokgoni go thusa gore lenaneo la tshidilo maikutlo le a atlega, a tlhalosa fa khansele e sena madi mme e le maikaelelo a yone go bona gore lenaneo le le a atlega.

Rre Ntau o ne a bua se a tlalaletsa  mafoko a mothusa mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Hukuntsi Rre Joseph Kgabanyane a gore batsadi ba tlhokomele bana mme le bone ba tsenelele tshidilo maikutlo gore ba tle ba nne mo seemong se le sengwe le bana ba. 

Rre  Kgabanyane o ne gape  a gakolola bana gore le fa ba na le ditshwanelo ba seka ba lebala fa ba na le boikarabelo, ka jalo ba seka ba dirisa seemo se ba leng mo go sone e le tsela ya go ikgatholosa boikarabelo jwa  bone.

Ba tsenelela dithuto tse e ne e le bana ba ba neng ba dira mophato wa bosupa ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba ba neng ba patilwe ke bo mmaboipelego ba metse ka go farologana ba ba neng ba dirisa sekano sa Re nonofile re tiile balekane. Ba ne ba supa fa ruri ba nonofile ebile ba tiile ka go dira metshameko, dikopelo, metlae le mmino wa Setswana go natetsha letsatsi la bone le legolo, ba ne ba abelwa diberethe  tse di tshwanang le tsa sesole go supa fa e le balwantwa ba ba thata.

Fa a ntsha la gagwe kgosana ya kgotlana ya Matlhatlaganyane mo Tsabong Rre Piet Kartzee mo boemong jwa ga kgosi David Toto  wa bobedi o ne a lebogela puso ya lefatshe leno le maphata ka go farologana seabe sa bone mo kgodisong ya bana ba dikhutsana. Rre Kartzee o ne a tlhalosa fa bana ba dikhutsana ba sena ope yo o ka ba ntshang go ya go itlhabisa phefo kwa mafelong a tshwana le bo Tsodilo ka ba sena batsadi, ka jalo a re maiteko a puso a a lebosega.

Rre Kartzee a re o itumedisiwa segolobogolo ke tshwaragano fa gare ga goromente, khansele le ba bogosi mo kgodisong ya bana a tlhalosa fa go tswa goo lowe bogosi bo ne bo na le seabeng sa tlhokomelo ya bana ba dikhutsana. Fa ba tswala letsatsi mongwe wa baithuti o ne a  tlhalosa ka fa tshidilo maikutlo e e mo thusitseng ka teng. A supa fa ba dirisa dipelo tsa setlhare e le letshwao la bone. A  re pelo ya setlhare fela jaaka e ne e swetswe ke motsadi (setlhare), e kopane le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong jaaka go tlhoka metsi le dijo, le gore e fositswe ke magale a dilepe mme fela a e tsaya go thusa le go e sireletsa fela jaaka khansele e mo tsere go mo thusa le go mo sireletsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Moletlo wa kaloso

Date : 05 Dec 2013