Go tshereganya dikgang go bokete
05 Dec 2013
Mothusa kgosikgolo ya Balete, kgosi Tsimane Mokgosi, o kaile fa go se motlhofo go tshereganya dikgang tsa kgokgontsho ya malwapa.
A re se se bakwa ke gore bontsi jwa batho ba ba kgokgontshiwang segolo jang bomme, ba tsholola dikgang tsa mofuta o ka ntlha ya lorato. Kgosi Mokgosi o boletse se kwa letsatsing la go gakologelwa botlhe ba ba amegileng mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya malwapa, kwa kgotleng ya Ramotswa bosheng. O tlhalositse fa se se sa rute bakgokgontshi sepe, ka jaana ba falola kotlhao ya go kgokgontsha; mo go felelang go dira gore mokgwa o o jwelelele, ka ba itse fa ba tla itshwarelwa.
Kgosi o kgadile thata bana ba basetsana, a re ga ba a tshwanela go ya go itisa ba sa tshola madi a go ithekela dino, ka jaana go rotloetsa borre ba ba ba rekelang gore ba ba kgokgontshe, ka ba latlhegetswe mo go bone ka nako ya maitiso. Kgosi o boletse fa bogosi bo ntshitse mephato e e tlareng mo kgweding eno e dikologe motse go leka go laola mesepele ya bosigo le go sireletsa Balete mo dirukutlhing. A re ope yo o dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferarabobedi yo o tla bonwang a tsamaya bosigo o tla otlhaiwa ke mephato, mme a busediwe kwa lwapeng.
Fa a akgela, mookamela mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathuse, a re mo nakong eno, ba setse ba na le melato ya kgokgontsho ya go itseela dikobo ka dikgoka ele masome a mararo. A re seemo se ga se jese diwelang ka ebile go supega fa tse dingwe tse dintsi di le teng mme di sa begelwe mapodise.
O boletse gape fa go sita e bile e le go kgokgontsha bana, gobo bomme bangwe ba tshola bana ba bo ba ba latlhela mo batsading ba sa ba itlhokomelele; ba bo ba ya kwa boitaolong mme ba boe gape fa ba itsholofetse. Mothusa modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Rre Sonny Molapisi, a re kgokgontsho gantsi e diragalela bomme le bana, e bile gantsi e dirwa ke borre, ba dirisa seriti sa bone mo malwapeng.
Rre Molapisi a re go na le gore bana ba basetsana ba thubediwe ke borre ba ba sa itsagaleng masigo mo diphifing mme e bile ba iphitlhile difatlhego. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba tsene phuthego, Rre Chepete Ntuane, o ne a tlatsa ka gore seemo se ka boela mo taolong fa bogosi bo ka boela ngwao ya dipilediwa mo dikgotleng tsa bone, go lekodisanya ka jaana go ka itshupa gore dirukutlhi ke bo mang, ka jaana morafe o itsane botoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : RAMOTSWA
Event : Segopotso sa ba ba amilweng ke kgokgontsho ya malwapa
Date : 05 Dec 2013






