Breaking News

Dikgosi di tshwaela mo molaong

03 Feb 2013

 

Maloko a Ntlo ya Dikgosi ka go farologana a tsweletse ka go tshwaela mo ditsetlaneng tsa molao wa makgotla a Setswana tse ba boneng difatlhi mo go tsone. 

Ba file sekai ka kotlhao ya go gapela batho dithoto fa ba palelwa ke go duela dikoloto, ba re go dira jalo ke bosetlhogo, le gore ga ba bone botlhokwa jwa kgotla kgolo ya ditsheko tsa makgotla a Setswana, ka bodiredi jwa yone bo lekana fela le jwa dikgosi kgolo.  Ba kopile gape gore dikgosi tsa ditoropo di batlelwe leina le le siameng go na le gore ba bidiwe bocourt president.

Kgosi Maruje III wa Bokone botlhaba a re o bona go le botlhokwa gore molao-mothao wa bogosi o lejwe fela otlhe ke bogosi le puso gore o tsemaelane le dinako tsa gompieno. 

O ne gape a re ga go na jaaka barongwa ba kgosi ba ba phuthang dikoloto le go isa makwalo a piletso dikgang ba ka kgona tiro ba sa fiwa ditsompelo tse di tshwanang le dikoloi. 

Kgosi Kegaisamang Ramokwena wa kgaolo ya Maun a re dikgosana tsa tetlanyo ga di a sirelediwa ke molao, a kopa gore le bone ba tsenngwe mo molao-mothaong wa bogosi.

Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Legare ene o ne a supa fa batho ba ba neng ba phutha dikoloto, ba bontsi jwa bone e neng e le mapodisi a a rutetsweng tiro ba amogilwe dithata le ditshwanelo tsa bone tse ba neng ba di bona mo sepodising kwa ntle ga morero le bone.

Mogopolo mongwe o o neng wa tswa, ke wa maemo a go sekisa. Bangwe ba ne ba re dikgosi tsa ditoropo tsa maemo a magolwane di tsenngwe mo karolong ya bokgosi, mme bomonnaabone ba tlogelwe kwa go a bogosana.

Mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye a re ene ga a bone go na le molato mo thulaganyong e e leng teng fa Kgosi Kgari II wa Bakwena a ne a gakolola gore  mo molao-mothaong wa  dikgosi, go ne ga dirwa paakanyo ya gore maemo a bokgosi a tshwane lefatshe lotlhe; e nne kgosi, mothusa kgosi le moemela kgosi. 

O ne a kopa tona go tlhalosa gore a jaanong dikgosi di okelediwa dithata a bo a re bontsi jwa barongwa ba dikgosi ba ba phuthang melato ke bomme, mme a kopa gore go thapiwe le borre.

Kgosi Kgari II a re ene o itumelela paakanyo ya molao, e e amang go seegelwa kwa thoko ga leloko la Ntlo ya Dikgosi kana go le ntsha mo tirong fa le na le dikgang tse di le amang. A re o lebogela segologo bogolo gore paakanyo eo e akaretsa dikgosi tsa ditoropo.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : GABORONE

Event : Ntlo Ya Dikgosi

Date : 03 Feb 2013