Ba-na-le bogole ba gakolotswe go sa ikgogona
04 Dec 2013
Mogwebi kwa Kanye, Mme Matshediso Hanssen, a re Modimo o tlhodile motho mongwe le mongwe a na le tiro e a e mo e neetseng.
Mme Hanssen yo e neng e le sebui sa tlotla kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe fatshe la bana-le-bogole, le le neng le tshwaretswe kwa sekolong se segolwane sa Seepapitso, o boletse mafoko ao mo puong ya gagwe e e neng e ruta e bile e le nolo.
A re ba-na-le-bogole ke batho ba ba tshelang ka go inyenyafatsa; selo se a boletseng se sa siama. A re o itumelela thata ba-na-le-bogole ba ba tswetseng kwa ntle.
Mme Hanssen a re mo malatsing a maloba ba-na-le-bogole ba ne ba fitlhwa, ka batsadi ba bone ba ne ba tshaba go jewa setshego go bo ba tshotse bana ba ba nang le bogole.
A re kwa motseng wa Kanye go na le bana le masome a mane le botlhano ba ba nang le bogole, ba ba tsenang sekole se sebotlana, fa ba le masome a mabedi le boraro ba tsena mo dikolong tse di farologaneng. O bile a kopa ba-na-le-bogole go lesa go tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso mo go ba ba lebaneng, a re ditlhong ga di kake tsa ba isa gope.
O boletse fa puso e leka, gore e re ka ngwaga wa 2016 go bo go sena ope yo o saletseng kwa morago. A re gone o a itse gore go bonya; a re go dia dikgwetlho di tshwana HIV/AIDS; mme go tla lekwa ka bojotlhe go kgaola dikgoreletsi tsotlhe.
O boletse fa mo maitekong a go kgaola dikgoreletsi puso e sa tlhoke go bereka e le nosi, mme e tlhoka Motswana mongwe le mongwe go ema ka dinao go di lwantsha.
O supile fa puso e rotloetsa bagwebi ka karetso go tsenya letsogo ka go thapa ba-na-le-bogole mo madirelong a bone. Se e le one maiteko a go leka go hema kgethololo e ba tswang go lowe ba lebagane le yone.
A re batsadi le bone ba tshwanetse go isa bana ba bone kwa dikolong, ba beetse kwa thoko dikakanyo tsa bone tse di ka kgoreletsang mo thutong ya bana ba bone ba ba tshelang ka bogole; gore bana le bone ba tle ba bone katlego mo isagong jaaka botlhe.
Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Kanye, Mme Khwae, o ne a re puso e lemogile fa batho ba na le matlhoki ka go farologana. A re ke ka moo go bonweng go tshwanela gore ba-na-le-bogole ba phuthegele golo go le gongwe gore ba ba sa kgoneng ba tle ba gakololwe ke ba bangwe.
A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go duelela ditirelo di tshwana le tsa bongaka kwa dikokelong tsa puso. O bile a re gape ba tsile go ruta ba-na-le bogole ka mananeo a puso a tshwana le la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo.
Fa a kgothatsa, modula-setilo wa ba-na-le-bogole, Rre Neelo Kwape, o ne a akgolela puso gore e bo e lemogile ba-na-le-bogole. Rre Kwape o supile fa tota a itumetse go feta selekanyo ka go bo puso e lemogile ba-na-le-bogole, e bile a kopa ba-na-le-bogole gore ba seka ba itsemeletsa.
A re dilo tse puso e di dirang ke sesupo sa gore ba-na-le-bogole ga ba a lebalwa; a kgothatsha ba-na-le-bogole go tsaya dithuso tsotlhe tse ba di bonang ka tlhoafalo.
Le fa go ntse jalo, Rre Kwape a re ga a rate gore ba bo ba bidiwa ba-na-le-bogole, a re ba bidiwe fela gotwe digole. A re fa gotwe ba-na-le-bogole ba a bo ba tlhapadiwa, a re bone ke digole ba bidiwe fela jalo. Modula-setilo wa khansele potlana Rre Pule Ralotsia le ene o ne a tlaleletsa ka go supa fa puo ya gore motho ke segole, e se tlhapa e bile e se nyenyafatso. O ne a kopa Batswana le puso go tsenya ba-na-le-bogole mo ditlhaloganyong.
O kopile gore fa batho ba aga ba age ka kitso ya gore ba ka nna le bogole, e bile ba ka etelwa ke ba-na-le-bogole. Rre Ralotsia a re fela jaaka go agiwa matlo kwa malapeng, diofisi kgotsa ditsela, go agiwa go ntse go itsewe gore motho o ka nna le bogole. O bile a kgothatsa ba-na-le-bogole gore ba itirele, eseng go baya mo bathong ba bangwe, ka maipato a gore ba na le bogole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Letsatsi la bana-le-bogole
Date : 04 Dec 2013






