Letlhoko la madi ke kgwetlho
04 Dec 2013
Mogolwane wa lephata le le tlhokomelang dikoloi tsa puso (Central Transport Organisation) go tswa kwa ofising ya Francistown, Rre Palalani Tamajasi, a re letlhoko la madi le dikoloi tse di sa bolong go dirisiwa lebaka le le leele ke mangwe a mabaka a a dirang gore dikoloi di tseye nako e telele di ile go baakanngwa.
O buile mafoko a ka Labobedi Sedimonthole a tlhola malatsi a mararo fa a ne a lekodisa phuthego ya khansele ya legare ka seemo sa dikoloi tsa lephata leo le gore ke eng di tsaya nako e ntsi koo; selo se se feletsang se kgoreletsa bodiredi jwa puso go isa ditlamelo kwa setshabeng.
Rre Tamajasi o tlhalositse fa kwelo tlase ya itsholelo e dira gore lephata leo le palelwe ke go reka dikoloi tse disha, mme se se felele se dira gore maphata a dirise dikoloi lebaka le le leele, mme go nne turu go di tlhokomela.
O tsweletse a supa fa dikgwetlho dingwe e le letlhoko la bodiredi le tiego mo makalaneng a mangwe a a ikemetseng ka nosi mme puso e a thapile go baakanya dikoloi fa di senyegile.
A re go reketla mokwatla ga baeteledipele ba maphata mangwe, ka go lebega ba palelwa kego kgalema, le gone gona le seabe ka jaana dikoloi di felela di dirisiwa botlhaswa mme di felele di senyegile ka bonako.
Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara ba ne ba supa fa ba sa kgotsofalele tlhaloso eba e fiwang. Mokhanselara wa Letlhakane, Rre Odirile Tawana, o ne a botsa gore lephata la CTO le dira eng go leka go fedisa tiriso botlhaswa ya dikoloi tsa puso ka gore go mo pontsheng gore gadi dirisiwe sentle.
A re se se gakgamatsang ke gore le fa ele ka tsatsi lepe, ga gona ope yo a tleng a tseelwe dikgato mabapi le kgang eo.
Mokhanselara wa Senete, Rre Tabona Saulo, ene o ne a na le moakang wa gore CTO e ithole ditiro dingwe ka e bile ba lela ka letlhoko la madi le bodiredi. Ba bangwe ba ne ba tlhalosa fa go lebega bodiredi jwa CTO bo sa kgone tiro ka jaana ba kgona go palelwa fela ke go baakanya bothata jo e seng jwa sepe mme se se felele se dirile gore di isiwe kwa makalaneng a a ikemetseng; mme go turele puso.
Rre Tamajasi o tlhaloseditse khansele gore lephata la gagwe le mo lenaneong la go fa maphata dithata tsa go ipaakanyetsa dikoloi tsa one, tshwetso e e tserweng morago ga taelo ya ga tautona ka kgwedi ya Moranang.
A re se se tla netefatsa gore maphata a tlhokomela dikoloi le gone go bona gore di dirisiwa sentle; a tlatsa ka gore ba mo lenaneong la go reka maranyane a a tlaabong a thusa go supa gore dikoloi tsa puso di tsamaya jang, le gone gore a di dirisiwa sentle.
O supile gape fa ba setse ba simolotse tshwaragano le dikole tsa thuto ya diatla go ba thusa go dira dipaakanyo tse eseng tsa sepe le gone go tlhabolola seemo sa madirelo a bone go itepatepanya le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 04 Dec 2013






