Bana ba kopilwe go emelana le dikgwetlho
04 Dec 2013
Bana ba masiela mo kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo.
Se se builwe ke Rre Lerothodi Baruti, mogolwane wa boipelego mo khanseleng ya Tsabong kwa kalosong ya setlhopha sa bana bao bosheng.
O tsweletse a tlhalosa fa khansele ya Kgalagadi borwa e ne ya bona fa go tlhokafala gore bana ba le masome a mararo le bobedi ba dikhutsana morago fa ba sena go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa lokwalo lwa bosupa, ba tsee loeto lwa go ya go sidilwa maikutlo kwa dithabeng tsa Tsodilo, morago ga go lemoga fa ba na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo malwapeng a a farologaneng mo metseng ya bone.
O ne a supa fa maikaelelo a loeto loo e ne e le go ya go ba sidila maikutlo a kutlobotlhoko le agwa sesha mo maikutlong le ditlhaloganyo, morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi ba bone, go abelana le go gakololana ka tse di ba tshwenyang kwa malwapeng le gone go fetola seemo sa botshelo mo diemong tse di farologaneng.
Rre Baruti o ne a tswelela ka go tlhalosa fa loeto lo, lo ne lo le botlhokwa ka e ne e le yone nako e e siameng ya go tiisiwa, go nosediwa le gone go thatafadiwa maikutlo a bana.
O kaile fa dialogane tseo di tshwanelwa ke go bopagana go ya go ileng le gore ba rute ba bangwe go tia mo maikutlong le mo moweng jaaka bone.
Rre Joseph Rakgabanyane mothusa mokwaledi mogolo go tswa khanseleng potlana ya Hukuntsi, fa a bua mo kalosong ya bana bao, o ne a tlhalosa fa go ne ga simolodisiwa lenaneo la earth methology ka ngwaga wa 2005 le maikaelelo a lone e neng e le go rutuntshiwa ga ba boipelego gore le bone ba fetisetse dithuto tseo kwa baneng ka go ba kaela, go ba ruta go ba gakolola le gone go sidila bana maikutlo le gore le bone ba phuthologe ka go ntsha maikutlo a bone mo go tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo diemong tse di farologaneng tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi.
Rre Rakgabanyane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lenaneo le le simolotswe ka 2005 mo dikhanseleng a supa fa kwa kgaolong ya Kgalagadi bokone kwa Hunkuntsi ba ne ba le simolodisa ka ngawga wa 2007 a kaya fa mo ngwageng ono ba setse ba alositse ditlhopha makgetho a le lesome le bongwe fa mo kgaolong ya Kgalagadi borwa kwa Tsabong e le lekgetho la ntlha le simologa.
Mokwaledi mogolo go tswa khanseleng ya Hukuntsi o supile fa puso e ne ya simolodisa lenaneo la go tlhokomela bana ba dikhutsana ka ngwaga wa 1999 morago ga go lemoga fa ba lebanwe ke dikgwetlho di le dintsi mo malwapeng a masika a ba nnang le bone. A re se se neng se utlwisa botlhoko ke gore bangwe ba bana bao ba ne ba tsewa jaaka makgoba mo malwapeng mangwe, ka ba ne ba dirisiwa ditiro tse di bokete ebile ba sa tsene sekole.
Rre Rakgabanyane a re gape morago ga ditshekatsheko puso e ne ya lemoga fa gape bogologolo bana ba masiela ba ne ba abelwa ba masika go ba tlhokomela morago ga go tlhokafalelwa ke batsadi ba bone mme ga supega fa ba sa ba tsee ka tekatekano le bana ba bone le gore malwapa mangwe gape a ne a sena itsholelo go ba tlamela ka tse ba di tlhokang.
Fa a ama bana bao ka lefoko Rre Rakgabayane o ne a ba gakolola gore ba seka ba inaakanya le ditiro tsa botlhoka tsebe mme ba tlhwaafalele dithuto tsa bone ka thuto e le yone boswa ebile eka ba betlela bokamoso jo bo siameng.
A tlatsa ka go ba kgothatsa gore ba seka ba inyatsa le go itlhoboga mo botshelong ka e se bone fela ba ba senang batsadi mme mongwe le mongwe a lebanwe ke kgwetlho eo go tswa goo loe. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba le mo loetong le bana Mme Elia Seagalale o ne a supa fa pele loeto lo tsisitse pharaloganyo mo baneng ka pele ga lone bana ba ne ba gateletswe ke kutlobotlhoko e ntsi.
O supile fa morago ga go ntsha matshwenyego a bone ba itshupile fa ba nonofile ebile ba itekanetse ka ba ne ba sidilegile maikutlo mabapi le dikgwetlho tse a neng a lebagane le tsone. Mme Seagalale o ne a kopa batsadi ba eleng batlhokomedi ba bana bao, go ema nokeng bana bao ka dinako tsotlhe mo dithutong tsa bone ka seo se ka thusa thata mo tokafatsong maduo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kaloso dialogane
Date : 04 Dec 2013






