Ba Chanoga ba iphutha metlhala
04 Dec 2013
Banni ba Chanoga le metsana e e mabapi ba ne ba tshologetse kwa kgotleng go ya go ikanoka go bona tse ba di kgonneng le dikgwetlho tse di ba lebaneng, mo phuthegong e e neng e biditswe ke bogogi jwa kgaolo le baemedi ba dikomiti ka go farologana.
Fa ema morafe ka lefoko, moeteledipele wa Chanoga, Kgosi Oateng Sethodi, a tlhalosa fa ba bone go tshwanela go bitsa morafe go tla go lekodisana ka botsogo jwa kgaolo le gone go tswa ka ditsela tse ba ka di dirisang go kaba fa go saletseng kwa morago.
A re tiro e e tona ya dikgosi ke go tokafatsa matshelo a morafe; ke ka moo ba biditseng bokopano jo, go tla go bona gore a go tema e e bonalang, e e dirwang ke bogosi.
Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a supa dikgwetlho dingwe tse a kopanang natso jaaka, go goga dinao ga batsadi go dira bo omang le gone go kwadisa matsalo a bana. A re go bo motho e le Motswana a sena omang, ke go ithontsha sebaka sa go akola mananeo le dithuso tsa puso. O kopile bao ba ba saletseng kwa morago go tla go ikwadisa fa kgotleng, gore batle ba thusiwe go bona bo omang ba bone.
Kgosi Sethodi o ne a ikuela gape ka banni bangwe ba a reng ga ba duele dikoloto tsa dikatlholo, a supa fa gompieno ba na le melala e e fetang P20 000. A re e re ba dirile maiteko a go tlhofofatsa dituelo gore motho a ketlole, sebe sa phiri ke gore batswasetlhabelo ga ba tsibogele maiteko ao ka bangwe ba tsena ka lenga la seloko fa bangwe bone ba tima megala.
Banni ba ne ba rotloediwa gape go tlhabolola ditsha tsa bone go hema go ka tsewa ke ba kabo ditsha fa lebaka le wela la gore di bo di tlhabolotswe. A re masimo a fetogile naga fela, e bile bontsi ga bo a kwadisiwa ka fa molaong mme a kopa morafe go dira se se tshwanetseng.
Modualsetilo wa komiti ya dithabololo Rre Godfrey Chelekete o ne a tlhalosa fa ba kokoane jalo go tla go ngathogana ka fa bogogi le dikomiti di tshwereng ka teng mme a supa fa tsotlhe di apere tshiamo ka ba goga e le ngata.
A re ditlhabololo di tsweletse sentle ka e ne ya re morago ga dithuto tsa go tsamaisa dikomiti tsa ditlhabololo, ba itirela lenaneo la tse ba eletsang go di dira. A re ba kgonne go dira ditiro jaaka go agelela lesaka la kgotla le ditiro tsa Ipelegeng ga mmogo le go gokela motlakase mo koporaseng. Rre Chelekete o ne a tsibosa morafe fa metsi e le matsorotsoro mo motseng wa bone mme a ba rotloetsa go a gokela mo malwapeng.
A re ba ne ba itlamile go agelela dipompo tsa morafe mme ba kgonne e le nngwe fela ka ntlha ya letlhoko la madi. Dikomiti ka go farologana di akaretsa ya koporase, lekgotla la baruti, Chanoga Development Trust, ya batsadi le barubana, di ne tsa begela morafe ka tse ba dikgonneng le dikgwetlho tse ba kopaneng natso.
Ba sepodise le bone ba ne ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo le tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase. Ba boletse fa nako tse dingwe ba retelelwa ke go go tsibogela dipego le ditiragalo ka ntlha ya letlhoko la dikoloi; mme ba kopa kgakololo mo botsading gore ba ka tokafatsa jang seemo seo.
Morafe o ne a wa galaletsa kgosi go bo a supile fa e le morongwa wa motia, ba supa fa e sale a tlhongwa mo setilong a dirile go tlala ka diatla. Ba re dilo ka bontsi di dirwa ka tsamaiso, go na le morero; mme ba mo rotloetsa go tshwara fela jalo. Ba re mo metseng e mengwe magosi ga a dire jaaka ene mme ba mo supa e le mogaka yo o ikemiseditseng go dira le batho e bile a eletsa go bona batho ba gagwe ba tshela, ba na le seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya morafe
Date : 04 Dec 2013






