Breaking News

Pula e baka tshenyo kwa kokelong

04 Dec 2013

E rile bosheng, kokelo ya BaMalete Lutheran Hospital (BLH) ya falotsa balwetse mo diphaposing tsa bone tsa borobalo.

Se se diragetse morago ga gore sepatela seo se tlhaselwe ke pula ya matlakadibe e e neng e na ka sefako mme ya baka tshenyo ya matlhabaphefo le marulelo. Go ya ka mogolwane wa sepatela seo, Mme Juliet Marebola, pula e e bakile tshenyo ya diokomelabagwe tsa madi a selekanyo sa P10 098.50.

O boleletse lekalana la dikgang la BOPA gore tshenyo e ntsi e diragetse mo matlong a boroko jwa balwetsi ba bo mme, a pelegi ga mmogo le kwa batsetsing. A re ba ne ba tlamega go baakanya matlo ao ka bofefo letsatsi lone le o ka jaana gone go na le balwetsi ba ba gateletsweng ke ditlhabi.

A re gape marulelo a ofisi ya mogolwane wa baoki le one, a ne a phutlhama ka ntlha ya pula eo, mme ba santse ba le mo dithulaganyong tsa go a baakanya. O tlhalositse gape gore lengwe la mafelo a a neng a amega thata ke matlo a boroko jwa babereki ba bo mme ka jaana a thubegetswe ke matlhaba phefo a le lesome le bone.

Pula e gape e bakile tshenyo e ntsi mo dikgotleng di akaretsa, goo Naare, Siga, Nkaikela gammogo le goo Tawana gone mo Ramotswa, ka jaana di rutlomolotse matlo le go thuba matlhaba phefo a matlo le dikoloi.

Mongwe wa ba ba amegileng wa goo Tawana, mme Cindy Dimpe a re ntlo ya gagwe  le yone e  ne ya rutlologa. A re o utlwisiwa botlhoko ke gore ere a ka bo a baakanyetsa malatsi a keresemose jaaka mongwe le mongwe, a bo tshwanelwa ke go simolola ko ntlheng a rulela ntlo. A re se se tlaa mo ketefalela thata ka jaana e se nngwe ya dilo tse a neng a ikaeletse go di dira. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Lelokwane

Location : RAMOTSWA

Event : Potsolotso

Date : 04 Dec 2013