Salajwe o welwa ke seru
04 Dec 2013
Banni ba Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba simologetswe ke kgwedi ya Sedimonthole ka seru morago ga ditiragalo tse pedi tse di sa jeseng monate.
Mo tiragalong ya ntlha, mookamela mapodise a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane o boletse fa ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mararo a neng a hula a bo a bolaya mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di lesome le boroba bobedi kwa lenyalong go ne kwa Salajwe.
Supt Maraganyane a re ba begetswe tiragalo eo mo letsatsing la Sontaga mo tshokologong. A re go lebega monna yoo a ne a belaela fa mosetsana yoo a ne a mo tsietsa ka e ne e le baratani, mme ya re ba le kwa lenyalong a mmiletsa fa thoko.
A re mme yoo ka a ne a ntse a itse fa a na le kgotlhang le monna yoo, o ne a tla le tsala ya gagwe, mme ya re wa monna a kopa tsala gore e emele fa thoko ba ipue ya gana. A re e ne yare gone foo monna yoo a ntsha tlhobotswana mo pateng mme a hula mosetsana yoo ka fa tlase ga lebele la molema pele a mo feleletsa ka lerumo la bobedi mo tlhogong.
Supt Maraganyane a re monna yoo o ne a tsena mo koloing ya gagwe a inaya naga, mme yare sekgala sa dikhilomithara di ka nna tlhano mo tseleng ya Salajwe-Letlhakeng, a tlogela koloi a tsena mo sekgweng go ipheleletsa.
Supt Maraganyane a re setopo sa monna yoo se ne sa bonwa mo letsatsing le le latelang ke ba sepodise ka thuso ya morafe. Bobedi joo bo neng bo tlholega kwa motseng wa Takatokwane bo ne bo ile lenyalong kwa Salajwe le mo go lone wa mosetsana e neng e le moetsana.
Ditopo tsa bobedi joo jo go utlwalang bo ne bo na le lebaka bo ntse bo ratana di kwa setsidifatsing sa Scottish Livinstone kwa Molepolole go tlhatlhojwa ke dingaka. Mo tiragalong e nngwe e ntse e le mo letsatsing lone leo, motse oo wa Salajwe o ne wa tlhaselwa ke dipula tse di mashetla tse di tlogetseng tshenyo e ntsi.
Mmaboipelego, Mme Mothusi Pule o tlhalositse mo potsolotsong fa ditshekatsheko tsa ba ba senyegetsweng di santse di tsweletse, mme a re go ya ka se ba setseng ba se bone, go supegile fa bontsi bo tlaa tlhoka thuso ya ditante.
Mo nakong ya fa pego e e kwalwa, Mme Pule o ne a supa fa motho a le mongwe e le ene go supagetseng fa a tlaa batla thuso ya dijo selekanyo sa kgwedi tse pedi goya go tse tharo. Ba ofisi ya ga molaodi mo Letlhakeng le bone ba ne baya go bona tshenyo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 04 Dec 2013






