Breaking News

Ipabaleleng mo dikotsing

03 Dec 2013

Morafhe wa Mmashoro le tikologo o kgothaditswe go tsenya letsogo mo ntweng kgatlhanong le dikotsi tsa tsela ka puso e ka seka ya kgona go fenya ntwa e e le nosi.

Mo segopotsong sa ipabalelo tseleng se se neng se tshwerwe kwa Mmashoro, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Mosarwa Leposo o ne a kgothatsa bapalami go tsaya boikarabelo ka go ikelatlhoko le go ipabalela mo dikoloing tse ba di palamang.

A re ba dirise mabante a itshireletso pele ga mosepele o simolola, le go ntsha lefoko fa ba sa kgotsofalele mokgweetsi ba bona a kgweetsa a nole kana ka lobelo lo lo  kwa godimo go akarediwa le fa a sa obamele melao ya tsela.

Rre Leposo o ne a ikuela mo bareetsing ba gagwe gore segopotso se e nne thuto mo badirising botlhe ba tsela go lebilwe ditiragalo tse di fetileng go bopa bokamoso jo bo babalesegileng.

A re lefatshe la Botswana ga le a salela  morago ka maikaelelo a lenaneo la mafatshe-fatshe a selekane a dingwaga tse di lesome la go fokotsa dintsho tsa dikotsi tsa tsela ka selekanyo sa sephatlo le le simolotseng ka ngwaga wa 2010 le wela ka 2020.

Rre Leposo a re maiteko a puso a go leka go hema dikotsi a a karetsa go tsweledisa dithuto tsa go tsibosa setshaba ka ipabalelo tseleng. O ne  a tlhalosa fa mo tshimologong ya ngwaga ono go ile ga gagamatswa molao wa go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi, tiriso ya megala ya letheka (cellphone), tiriso ya mabante a itshireletso le go fokotsa palo ya bana ba sekolo ba ba pegwang ba le bantsi mo dibeseng.

Fa a a  fa dipalo-palo tsa dikotsi le dintsho tse di diragetseng go simolola kgwedi ya Hirikgong Mogolwane wa mapodisi a tsela mo kgaolong ya bobedi Rre Otsile Baodirile a re ba gatisitse dikotsi di le 746 mme ga tlhokafala batho ba le 43 fa go tshwantshiwa le ba le 44 ngwaga o o fetileng o sena go ya motsubong.   

Mo dipalong tsa ngwaga ono , Rre Baodirile a re batho  ba le bararo ba  tlhokafetseng mo  dikotsing tse di bakilweng ke leruo mo tseleng mme a rotloetsa bareetsi go tlhokomela leruo la bone, a bo a supa fa katlholo ya leruo le le bakileng kotsi  e le  P2000 go ya kwa godimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratagaone Madome

Location : SEROWE

Event : Letsatsi la ipabalelo tseleng

Date : 03 Dec 2013