Nako ya go lema e gorogile
03 Dec 2013
Batswana ba kopilwe go ya masimong go simolola temo ka jaana pula e le gone e simololang go na sentle.
E rile modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi a buisa phuthego ya khansele ka Mosupologo, a supa mo puong ya gagwe gore bontsi jwa balemi ba santse ba saletse kwa morago mo temong.
A re o tlhaloganya sentle gore paka ya temo e setse e siile ba le bantsi mme o kopa balemi go ya go nna kwa masimong go lema le go tlhokomela masimo. Rre Mooketsi o ne a tlatsa ka gore e re ntswa pula e sa nametse sentle mme gone mosele wa pula o epiwa go sale gale.
A re yo o lemang ka tsholofelo o tlaa roba se a se solofetseng ka jalo a kgothatsa makhanselara go rotloetsa batlhophi ba bone go ya go lema go oketsa dijo mo lefatsheng la Botswana le gone go ijesa tota.
Rre Mooketsi a re o lebogela puso gore e bo e sekasekile tshwetso ya go thusa fela ba ba lemang ka ditselana mme a thuse balemi ba ba jwalang ba gasa sebaka sa go bona dithuso.
A re gape o lebogela gore dijo tsa leruo le tsone di tlaa rekwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase morago ga gore puso e tseye tshwetso ya go thusa barui ka go duela sephatlo sa madi a dijo tseo. “Re lebogela se fela thata ka jaana barui ba kokonetswe ke leuba le le tsweletseng ka go bolaya diruiwa.”
Rre Mooketsi a re ga a itumedisiwe ke balemi ba ba maoto a tshupa go ya temong ka jaana dipalo di supa fa balemi ba le 786 e le bone fela ba tsereng dipeo fa bontsi bo santse bo saletse kwa morago.
A re ba lephata la dijwalo ba supile fa dipeo le didirisiwa tse dingwe tsa temo kwa mabolokelong a bone di supa fa bontsi ja balemi ba ise ba tle go tsaya dipeo tsa bone. O kopile balemi go ema ka dinao go jesa lefatshe la Botswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Dec 2013






