LEA e rotloetsa bagwebi ba ba botlana
03 Dec 2013
Ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) kwa Serowe le Selebi Phikwe e rile bosheng ba tshwara letsatsi la mmaraka kwa Palapye go rotloetsa dikgwebo tse di potlana.
Fa a bula letsatsi leo semmuso, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Serowe, Mme Kgomotso Bogatsu o kopile setshaba go rotloetsa dikgwebo tse di potlana ka go reka dithoto tse ba di dirang. A re dikgwebo tse di potlana di ka gola fela fa setshaba se eme dikgwebo tsa go nna jalo nokeng.
A re lefatshe leno le ikaelela go aga setshaba se se tsweletseng, se se itirelelang dithoto tsa sone eseng go baya fela mo go rekeng dithoto kwa mafatsheng a mangwe. A re se se ka kgonega fela fa dikgwebo tse di potlana di ka rotloediwa ga mmogo le go fiwa kemo-nokeng.
A re LEA e dirile letsatsi la mmaraka gore dikgwebo tse di potlana tse di farologaneng di tle go supa dithoto tsa tsone gore bareki ba itse ka dithoto tse le gore ba ka di bona kae.
A re letsatsi le gape le thusa go gokaganya bagwebi ba ba botlana le bagwebi ba ba golwane ba ba setseng ba itshetletse mo go tsa kgwebo gore ba neelane maele a gore le bone dikgwebo tsa bone di gole go fitlhelela di nna mo seemong se le sengwe le tse di kgolwane. Fa a tswa la gagwe molaodi wa Palapye, Mme Veronica Rabakane o ne a re dikgwebo tse di potlana di ka thusa go lwantsha lehuma mo lefatsheng leno.
A re se se ka thusa lefatshe leno go dira dijo tse di lekaneng setshaba ebile dingwe di ka rekisiwa kwa ntle. O rotloeditse bomme go inaakanya le mananeo a a ba thusang go itshimololela dikgwebo. A re bomme ba lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi, bogolo jang kgwetlho ya go godisa bana, a tlhalosa fa ba kgona tse dintsi ka go nna le dikgwebo.
O rotloeditse bagwebi ba ba botlana go tsaya dthuto tse ba di fiwang ke ba LEA ka tlhwaafalo gore dikgwebo tsa bone di kgone di gole. A re go botlhokwa gore ba dirise dithuto tse ba di tlhatlhelelwang ke ba LEA go tlhabolola mokgwa wa ka fa ba tsamaisang dikgwebo ka teng.
Ba LEA ba ne ba dirisa letsatsi le go isa ditirelo tsa bone kwa setshabeng, e le ntlha nngwe ya go isa ditlamelo gaufi le batho.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 03 Dec 2013






