Mapodisi a Jwaneng tlhotlhomisa polao
03 Dec 2013
Mapodisi a toropo ya Jwaneng a tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mararo a latlhegetsweng ke botshelo.
Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Jwaneng, Superintendent Theriso Thatayotlhe o tlhalositse gore ka matlhatso kwa merakeng ya Magwinyetso e e fa gare ga kgaolo ya Kweneng le Ngwaketse, monna wa dingwaga tse 30 wa meraka ya Magwinyetso o tlhabilwe ka sengwe se se bogale ke monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ene e le wa meraka eo morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.
Superintendent Thatayotlhe a re moswi a ne a ragosediwa kwa kokelong ya moepo wa Jwaneng, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. O kaile fa mmelaelwa ene a bone dikgobalo tse di masisi mme a robaditswe mo kokelong ya Jwaneng.
Rre Thatayotlhe o kaile fa dipolaano mo kgaolong ya gagwe di tshwenya, mme a gakolola gore majalwa a Setswana a nowe ka kelotlhoko go bo go tshegediwe dinako tse puso e di ntshitseng tsa go tswala ga marekisetso a bojalwa, a gatelela thata gore bojalwa bo nowe ka kelotlhoko ka dinako tsotlhe jaaka go ipaakanyediwa malatsi a a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha.
Superintendent Thatayotlhe o tlhalositse fa serepa se santse se le kwa setsidifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di tsweletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segolame Lemme
Location : JWANENG
Event : Potsolotso
Date : 03 Dec 2013






