Breaking News

Ngwao e tshwanetse go somarelwa

03 Dec 2013

Mogokgo wa sekole  se se botlana sa Dipotsana, Mme Violet Majagoba a re dikole di ka ntsha maduo a a botoka fa di tshegetsa ngwao ya Setswana, e gompieno go lebegang e nyelela ka monokela.

O buile jalo kwa pulong semmuso ya ntlo e e agilweng Setswana kwa sekoleng se se botlana sa Diabo mo Kgaolong ya Borwa.

Mme Majagoba o tlhalositse fa go aga ntlo ya ngwao mo dikoleng go le botlhokwa fela thata ka gore bana ba sekole ba tlaa ithuta ngwao ya bone ba bo ba e tlhakanya le dithuto tsa bone.

O tlhalositse fa ba tlhoka thotloetso ya batsadi kwa dikoleng. “Ngwao bogologolo e ne e kgapha bana go ya ko diphatseng, go a ila, o ne a le teng, go ne go tshegeditswe molao go tswa mo batsading ba rona’’, ga bua Majagoba.

O boletse fa thuto ya dibuka mo sekoleng e sa lekana ka gore ditiro tsa setso di tshwanetse go bonwa ka matlho, a bo a re dijo le diaparo di supiwe mo ntlong e e agilweng eo. E agilwe ka mmu e bo e rulelwa ka bojang.

O kgothaditse batsadi go ba ema nokeng kwa sekoleng go tshwaraganela bana ba sekole ka botswapelo. A re ngwao e bopa bokamoso ja bana mo setshabeng. Ka letsatsi la teng go ne go aperwe dilwana tsa setso, dijo tsa Setswana, dipina le megolokwane.

Kwa motsubong wa tiro go ne go leba yo o sebete fa matlhogoputswa a ne a bina dipina tsa setso tsa setapa, borankana le dikgafela. Ga nna maswe fa bojalwa ja setso bo nowa ko kgotlaneng. Diphafana di ne di fapaanelwa ka bokete ke bagolo, morago ga opelwa tsa bogologolo dipina. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Pulo semmuso ya ntlo

Date : 03 Dec 2013