Breaking News

Tona Gare o tsibosa banni ba Dukwi ka dinare

18 Sep 2023

Banni ba Dukwi ba kopilwe go emisa metsamao ya masigo ka kgaolo e wetswe ke seru sa dinare tse di tshologetseng teng ka dipalo tse dintsi.

Ba tlhaloseditswe fa nare e le phologolo e e borai go gaisa diphologolo tse dingwe ka fa e kopanang teng le motho go sala matlhotlhapelo fela.

Motshwarelela tona ya temo thuo, Rre Karabo Gare o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Dukwi bosheng.

Tona a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o dumela mo tsamaisong ya morero ke ka moo a ba romileng  go tshwaraganela seru se se ba wetseng sa segopa sa dinare.

A re baeteledipele ba tshwanetse go lekodisana le batho mabapi le dikgang tse di tshwanang leo, go leka go batla tharabololo ya  seemo.

A re ka nare e le phologolo e e amanang thata le bolwetse jwa tlhako le molomo, go tla ga tsone ka dipalo tse di kalo go tlisa ketsaetsego mo baeteleding pele, barui le setshaba ka kakaretso.

O ne a kopa banni go nna le seabe ka go sala melawana e ba e beilweng pele ke ba lephata la taolo matlhoko a leruo go leka go laola seemo.

A re ba ka kgona seo ka tshwaragano le tirisanyo fa ba santse ba emetse maduo a ditlhatlhobo tse di dirilweng mo dinareng tseo.

O kopile barui go bega fa ba bona dikai dingwe tse ba sa di tlhaloganyeng mo leruong la bone nako e santse e le teng.

Bannni ba boletse fa ba ntse ba tshwenngwa ke ditlou tse di neng di ba senyetsa kwa masimong le kwa didibeng.

Mongwe wa banni, Rre Musa Jele a re ba setse ba phuagantse masimo a bone kwa Semowane ka lebaka la ditlou.

Rre Jele a re kgang ya go neela bagwebi ba tsa bojanala dikgwebo kwa lefelong la masimo e ba beile ka fa mosing ka diphologolo tsa naga tse ba di ruileng di ba senyetsa.

Rre Lebogang John a re ga a dumalane le kgang e bangwe ba akanyang gore fa terata e e kganelang matlhoko a leruo e ka baakanngwa seemo sa go kganela diphologolo tseo se ka nna botoka.

A re ditlou di sentse terata eo ka di gobeya gongwe le gongwe e bile di setse di le dintsi. Rre John o ne a kopa gore fa go ka lemogiwa bolwetse, go kentiwe go kganela kanamo ya jone.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, mogolwane kwa lephateng la matlhoko a leruo, Dr Kefentse Motshegwa a re molemo wa bolwetse jwa tlhako le molomo o teng, a tlatsa ka go re  o ne o dirisiwa kwa kgaolong ya Ngami.

Dr Motshegwa a re sebe sa phiri ka molemo oo ke gore fa o dirisiwa leruo leo ga le rekisiwe kwa mafatsheng a sele.

O gateletse go re batho ba sale melawana e lephata le e beileng pele ya go kganela metsamao ya leruo la tlhako e maphatha, le e mengwe.

O boletse fa dinare tseo di phatlaletse le kgaolo, a supa fa ba le malala-a laotswe go laola seemo.

Mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta, Rre Polson Majaga o ne a kopa puso go oketsa bodiredi le dipalamo go re go laolwe seemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebagano Masukure

Location : Dukwi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Sep 2023