Ikwadiseng le tlhophe - Masisi
18 Sep 2023
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re o tshwenngwa ke dipalo tse di felelang mo seatleng tsa bomme ba ba mo maemong a sepolotiki.
O ntshitse matshwenyego fa a ne a buisa baithuti ba Batswana ba dingaka, kwa Havana, Cuba ka Matlhatso .
“Ke a le rotloetsa, fa ele gore bangwe ba lona ba kgatlhegela go tsena mo dipolotiking, segolo jang bomme.”
A re dipalo tsa bomme mo maemong a sepolotiki di kwa tlase, ka jalo ba se ka ba tshaba go tsenelela dipolotiki.
A re lekgotla le a le eteletseng la sepolotiki le rotloetsa bomme go inaakanya le dipolotiki le go emela maemo a boeteledipele. O kopile borre go rotloetsa bomme ka go ba tlhopha. Dr Masisi a re puso e tsweletse ka go rotloetsa le go tlotlomatsa bomme ka bokgoni jwa bone ka go ba neela maemo go etelela makalana a puso ka go farologana.
A re le fa ba le kwa Cuba ba seka lebala gore ke Batswana.
“Ka jalo ne kere ke lo lekoditse gore ko gae re teng re tsogile, go kagiso, go iketlile.
“Le fa go na le dingwaingwai fela tsa gore re ya ditlhophong, mme tseo ke tsa gale.
Matsadinyana a a leng teng a le a itseng ke a gore bangwe le bangwe ba tsweletse ka go ipala mabala a kgaka gore ba le kgatlhe. “Le gololesegile gore le ba sekaseke le bone ba ba le kgatlhang le ba tlhophe. Le ka kgona go diragatsa seo ka botlalo fa le ikwadiseditse ditlhopho.
“Le fa o sa ikaelela go tlhopha, seemo se ke sa eletseng gore se ka diragala, ikwadise, gore fa o ka fetola maikutlo go ntse go tsweletse o kgone go tlhopha,” ga bua Tautona.
O tlhaloseditse baithuti gore Ngwanatsele a rogwa go fitlha e ya bokhutlong go tla bo go buletswe go ikwadisetsa ditlhopho.
“Jaanong ke lo rotloetsa go ikwadisa, mme morago lo reetse thata jaaka mapolotiki ka go farologana a tsweletse ka go ipapatsa, mme le botse fa le sa tlhaloganye gore le tlhophe ka boamaruri le seka la wela fela le sa itse se le se dirang.
“Le reetse gore botshelo bo ya kae, mme le itlhophele ba le ba ratang,” ga tlhalosa Tautona Masisi. A re tsamaiso ya puso ya batho ka batho mo Botswana e letla gore motho o ka emela ditlhopho a romilwe ke phathi nngwe ya sepolotiki kana a di emela ka boene.
“Ke kopa le dire se le gololesegile. Le tla kopana le bone mo maranyaneng le mo mafelong ka go farologana ba ipapatsa. Le lona go botlhokwa gore le tlhophe gore le kgone go bopa puso,” ga tlhalosa Tautona Masisi.
A re tsamaiso ya puso ya batho ka batho e remeletse mo go reng go nne le ba ba tsayang seabe mo go ageng puso ka go tlhopha.
A re le fa Botswana a itsege ka motheo o nonofileng wa puso ya batho ka batho, o o letlang tsamaiso ya diphathi tsa sepolotiki e e gololesegileng mo kgaolong ya Aferika gape e le nngwe ya tse di tsweletseng sentle lefatshe ka bophara, seemo seo se wela tlase ka gore batho ba tsweletse ka go itlhokomolosa tlhopho ka jalo ba tseelwa tshwetso le go bopelwa puso ke palo e felelang mo seatleng.
Le fa go ntse jalo, Tautona o tshepisitse baithuti go nna ka tsholofelo ya gore kwa gae dilo di ikadile, ka jalo le morago ga ditlhopho ba ba fentseng ba tlaa tsamaisa puso go sena ope yo o ba kgoreletsang.
O tlhalositse fa puso e tsewa ke phathi e e nang le palo e ntsi ya mapalamente. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Havana
Event : Bokopano
Date : 18 Sep 2023