Breaking News

Ba Sepako ba kopa puso go oketsa didiba

18 Sep 2023

Banni ba Sepako ba kopile puso go potlakela go epela diphologolo tsa naga didiba tse dingwe go oketsa tse di leng teng.

Ba re ba tswa kgakala ba kopa gore go epiwe didiba tse di tlaa nosang diphologolo go di itsa go saila le naga mo di felelang di gotlhagotlhana le batho.

Ba ntshitse matshwenyego mo phuthegong ee neng e buisiwa ke motshwarelela tona wa Lephata la Tikologo le Bojanala, Rre Mabuse Pule bosheng.

Kgosi Joseph Ramaditse a re go sebaka ba kopile puso go epa didiba tse dingwe go nosa diphologolo.

A re ka diphologolo dingwe jaaka dinare di le borai mo matshelong a batho, ga ba kgone go tsamaya ba phuthologile mo motseng le kwa merakeng.

Kgosi Ramaditse a re ka ngwaga ono e le wa leuba, metswedi e kgadile mme go siela batho le diphologolo metsi ka koloi go bokete ka dikoloi di tlhaela.

O ne a kopa puso go epa didiba kwa lefelong la CT5 le Dzibanana,a re koo metsi a tlaa bo a pompelwa mo makadibeng le didiba tse di teng.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ngongorega ka bogodu jwa leruo,jo ba reng bo tsaya phekelo e sele.

Ba boletse fa tlhaelo ya metsi le yone e ba jesetsa mo kgobedung ka ba a bona ka go sielwa ka koloi.

Rre Rodger Bakwena o ne a supa fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke ditlou tse di senyang kwa masimong.

Motshwarelela mogolwane wa lephata la diphologolo, Rre Moemi Batshabang, a re lephata le epile didiba kwa Ngwasha go nosa diphologolo.

A re ba tshwenngwa ke segopa sa dinare se se gorogileng mo kgaolong, a tlatsa ka go re lephata le leka ka bojotlhe go busetsa dinare tseo kwa di tswang teng.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Pule o boletse fa kgotlhang ya batho le diphologolo tsa naga e ka kgonwa ka tshwaragano le tirisanyo mmogo.

A re go botlhokwa go lekodisana le batho ka seru se se wetseng kgaolo, a tlatsa ka go re go goroga ga dinare ka bokete jo bo kalo go a tlhobaetsa.

Mogolwane wa lephata la matlhoko a leruo, Dr Kefentse Motshegwa, a re badiri ba ba neng ba tsamaya mo molelwaneng ba emisitswe morago ga go lemoga diphatsa tse ba neng ba le mo go tsone A re puso e santse e le mo thulaganyong ya go baakanya terata ya molelwane mme fa madi a le teng go tlaa dirwa le tsa matlhoko a leruo.

Dr Motshegwa o boletse fa lephata le tsere tshwetso ya go emisa metsamao ya leruo mo kgaolong ya 3b e e akaretsang Nata le metse ee mabapi.

Tona le lekoko la gagwe ba ne ba ile go lekola kgaolo morago ga gore segopa sa dinare tse di fetang makgolo a mararo se tshologele kwa Dukwi bosheng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sepako

Event : Phuthego

Date : 18 Sep 2023