Ba tlaa tswelela la leina la Tumasera
10 Dec 2025
Dikgotlana tsa Tupya, Malete le Rasesa mo Tswapong South di tla nna motse wa Tumasera fela jaaka go ne go ntse kwa tshimologong.
Tshwetso e, e rotswe ke Tona wa lephata la selegae le tsa ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Tumasera ka Mosupologo.Gape a re puso e tsere tshwetso ya go bula kgotla ya Tumasera gore e tswelele ka go neela morafe ditirelo jaaka e ne e ntse e dira pele.
Rre Motshegwa o ne a supa gape gore, dikgosana tsa Tupya, Malete, Rasesa, di tlaa tswelela di eteletse pele dikgotla tsa bone.
O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso e lebile mabaka a morafe a neng o itela ka one fa o ntsha dingongora mabapi le molawana wa National Settlement Policy wa 2024.
E ne ya re ka kgwedi ya Phatwe, Tona Motshegwa a buisa phuthego kwa banni ba neng ba kopa puso gore e busetse leina la motse wa Tumasera le ba neng ba dumalane ka bongwefela jwa pelo go bitswa ka lone. Kwa phuthegong eo, banni ba ne ba supa fa ba ne ba kopana e le metse e meraro ya Tupya, Malete le Rasesa mme ba dumalana ba bo ba tsamaya ka ditsela tsotlhe tse di maleba go isa leina la Tumasera, mme puso ya dumela gore ba bitswe ka lone.
Ba ne ba supile fa tshwetso ya go bitswa ka leina leo ba ne ba e tsaya ka ba ne ba bona ba nna mo thoteng e le nngwe, mme metse ya bone ka bongwe ka bongwe e sena dipalo tse dintsi, ka jalo ba bona go tshwanela gore ba kope ditlhabololo ba ikopantse.
Ba ne gape ba re maina a metse ya bone ga e a nyelela ka a ntse a teng aa dirisiwa.
Kwa phuthegong eo, banni ba ne gape ba supa fa ba ne ba gakgamala fa e rile ka ngwaga wa 2023, puso ya tsaya tshwetso ya go tla go phatlalatsa leina leo, gore motse mongwe le mongwe o ikemele, e bile e laola gore kgotla e ba neng ba e dirisa ya Tumasera e tswalwe ntle le morero ope.
Ba re magosi mangwe a dikgotla tsa bone a ne a fudusetswa kwa Palapye, fa yo mongwe a isitswe Mahalapye, mme se se dirilwe go sena morero ope.
Tona gape o ne a rola tshwetso ya puso ya gore Seleka a tswelele e ntse e le motse jaaka kgotla-tshekelo e ne e sale e laotse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Tumasera
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Dec 2025




