Ba le barataro ba belaelwa mo borukutlhing
04 Dec 2025
Mapodisi a Sejelo kwa Kanye a tshwere babelaelwa ba le barataro go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le dikgetsi di le lesome le bongwe tsa go thubiwa ga mantlo kwa Kanye go tswa Ngwanatsele ngogola go fitlha Sedimonthole mono ngwaga.
Mookamela mapodisi a Sejelo, Superitendent Mogomotsi Matlapeng o buile mo potsolotsong gore mo go bone, ba le batlhano ba tshegeditswe ke ba sepodise mabapi le molato wa go thubiwa ga matlo fa a le mongwe a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata Sedimonthole a tlhola gane kwa Kanye.
Ba belaelwa bao, mogolwane wa mapodisi a re ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le borataro go ya kwa go tse di masome mane.
Go ya ka mogolwane wa sepodisi, badira molato ba le babedi ba tswa Kanye fa ba bangwe ba tswa kwa Motokwe, Moshupa,Thamaga le Molapowabojang.
Rre Matlapeng o boletse fa babelaelwa ba le batlhano ba bonwe ka ntlha ya gore mongwe wa bone o ne a tlhotlhomisiwa ka kgetsi nngwe, mme ditlhotlhomiso tsa sepodisi tsa felela di wetse mo go ba ba tlhano le go ba fitlhela ka dithoto dingwe.
O tlhalositse fa dithoto dingwe di ne tsa rekisiwa ka di fitlhetswe mo bangweng ba morafe.
O gakolotse gore ope yo o ka fitlhelwang a rekile dithoto tsa go nna jalo o ka lebaganwa ke katlholo ya dingwaga tse tharo kgotsa go feta,mme gape e sa fete tse di lesome le bone.
Superitendent Matlapeng o kopile setshaba go etela sepodise sa Sejelo go tla go bona dithoto tseo go tloga ka Sedimonthole a tlhola gane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 04 Dec 2025




