Breaking News

Tshwaragano ya banni konokono

10 Dec 2025

Banni ba Tatisiding ba supile fa tshwaragano ya boeteledipele jwa motse jaaka ba bogosi, khansele le komiti ya ditlhabololo tsa motse e le botlhokwa.
Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa tsa selegae le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane bosheng kwa ba tlhalositseng fa ba se jesiwe diwelang ke go tlhoka go tshwaragana ga bogogi mo motseng wa bone.
Banni ba kaile fa go sa tshwaragana ga baeteledi pele go baya motse wa bone ka fa mosing mabapi le tsa ditlhabololo ga mmogo le kgolo ya motse
Mongwe wa banni ba Tatisiding, Mme Gladys Manise o supile fa go sena tomagano ka mongwe le mongwe wa bogogia gogela go sele, mme a kaya seo se sa beye motse sentle.
Mme Manise o tladitse ka gore Tatisiding o tshwanelwa ke go nna motse setoropo, mme fa bogogi bo ka tshwaragana, ga nna le tirisano mmogo e lolameng, motse o ka nna le ditlhabololo tse di maleba.
Mongwe wa banni ba Tatisiding, Mme Kelebeletse Moleta yo supileng fa ba sale ba thibelela ka 1950 mo motseng oo, le ene o tlhalositse fa go sena morero mo Tatisiding.
A re se se dira gore matshwenyego a bone e le banni a seka a rarabololwa ka nako ka jaana ba lela ka go tseelwa masimo mme le mo nakong e no ba ise ba thusiwe.
Mme Moleta a re bogogi jwa motse wa Tatisiding bo tshwanetse go ithulaganya go dira dilo ka fa go tshwanentseng go tila matshwenyego le go sa thusiwa ga morafe .
Fa a ba kgwa kgaba, Rre Moswaane o kopile gore go nne le tshwaragano fa gare ga bogogi jwa motse.
O kopile le dikgosi go tsaya taolo ya motse gore go nne le tirisanyo mmogo
O rotloedirse banni go tla ka methale le ditsela tsa gore motse wa Tatisiding o ka tlhabololwa jang, a kaya fa Tatisiding e saletse morago ka ditlhabololo mme e le motse o golang thata.
O ne a rotloetsa banni ba Tatisiding le bogogi bo go ema ka dinao go tla ka tsela tsa go gatela pele mo go tlhabololeng motse, a tlatsa ka gore ba bereke ka natla go ntsha maduo.
 “Fa badiredi mo motseng ba tshwana le dikgosi, baruti ba dikereke, ba tsa metshameko ga mmogo le maphata ka go farologana ba ka ema ka dinao go supa gore tsela go tsewa efe, se se ka tlisa ditlhabololo,” ga tlhalosa Rre Moswaane.
A re puso e boloditse mananeo a National Development Plan 12 le la Botswana Economic Transformation Programme go leka go hetlha mebereko gore lefatshe le kgone go tlhabologa.
Rre Moswaane o ne gape a lekodisa banni ka dikgang tsa itsholelo, a kaya fa lefatshe le santse le itemogela kwelo tlase ya itsholelo mme puso e leka ka gotlhe go tokafatsa seemo seo.
Mo go tse dingwe, Rre Moswaane o ne a lekodisa banni fa puso e tsere tshwetso ya go ka kgaogana le dikhamphani tse di ikemetseng go thapa badisa dikago ga mmogo le baphepafatsi gore janong puso e nne yone e iphirelang babereki bao.
A re se tsile ka ntlha ya gore dikhamphani tse di ne di sa duele babereki ba sentle le ka dinako mo go bakileng gore badiri ba ba kokonelwe ke lehuma.
 Fa gakolola banana, Rre Moswaane o kaile fa tiriso ya maranyane mo malatsing ano e na le dipoelo ka jalo a ba kopa go dirisa maranyane a tshwana le a bo Facebook go dira letseno ga mmogo le go reetsa dikitsiso le dilo tsa botlhokwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Tatisiding

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Dec 2025