Breaking News

Khansele e atla tshutiso ya go emisa metsoko

11 Dec 2025

Khansele ya Lobatse e amogetse tshutiso ya gore go emisiwe tiriso ya metsokwe ya segompieno e e gogwang segolo thata ke basha ya Hubbly Bubbly le Vape go sireletsa botsogo jwa setshaba seemo se ise se tsee phekelo e sele. 

Tshutiso e, e rotswe bosheng kwa khanseleng ya Lobatse ke Mokhanselara wa Peleng Rre Bafo Monakwe yo a neng a kopa gore maphata a papadi le tlhabololo kgwebo le la botsogo a tshwanetse a sekaseka go dira melao go emisa tiriso ya metsoko ya Hubbly Bubbly le wa Vape e e dirisiwang go itlosa bodutu. 

“Bontsi jwa banana ba berekisa metsokwe e ka ditsela tse di gakgamatsang se se dirang gore fa re ka leseletsa tiriso e go tswelela re ya go iphitlhela re na le mathata a malwetsi a pelo le a mafatlha mme se se bo se tsisa kgatelelo kwa dikokelong,” a tlhalosa. 

A re go tshwanetse ga tsenngwa mo molaong gore metsoko eo, e seka ya dirisiwa ka e na le botlhole jo bo borai mo botsogong mme e bile motho o kgona go tshwakgoga go e goga mme e felele e mmabalela ka go baka malwetsi. 

O tlhalositse jalo gore jaaka fa nako ya Keresemose e goroga jaana, go tsile go tlala mo mafelong a itloso bodutu go gogwa metsoko eo. 

Rre Monakwe o ne a gakolola gore puso e tshwere phage ka mangana go tokafatsa seemo sa botsogo ka jalo metsokwe eo fa tiriso ya yone e ka tswelela baka gore ba botsogo ba iphitlhele  ba lwantsha malwetse a a bakiwang ke metsokwe eo. 

Mokhanselara Moalosi Rasesia wa Tsopeng South a re metsokwe ya Vape le wa Hubbly Bubbly e a farologana, a tlhalosa gore fa go gogwa Hubbly go dirisiwa tagi ya nicotine e tshubiwa ka charcoal go bo go gogiwa ke batho ba le bantsi. A supa jalo gore fa go sena go tshubiwa lenko leo le feta mo metsing a a dirisiwang go tlhotlha bogalaka kana go fokotsa bogale mme go bo go gogiwa kwa phaepheng. 

A re motsoko oo, o ntsha mosi wa Carbon Monoxide go tswa mo go tshubiweng ga charcoal le nicotine a supa jalo gore metsi one a tsentswe dinkgisa monate tse go sa itseweng gore ke eng e bile a na le botlhole jo bo ntseng jang mme dilo tse tsotlhe di kopanela mo mafatlheng a motho. 

Mokhanselara Rasesia o supile fa dipatlisiso di supa gore pharologanyo ya Hubbly Bubbly le motsoko o o tlwaelesegileng ke gore motho o kgona go peipa go fetisa jaaka gale mme motho o kgona go babalelwa thata mo mafatlheng go fetisa motsokwe o o tlwaelesegileng. 

A re e gogiwa ka go faapanelwa, ka jalo e dira gore malwetse aa tshelenwang a ka anama. 

Fa a bua ka Vape, a re e na le nicotine mme e bile o dirisa maranyane a motlakase. A tlhalosa jalo gore metsoko e yotlhe e borai ka gore ke tsela nngwe e barekisi ba gogelang banana ka ba dumela gore ke tlhabologo. 

Mokhanselara wa Boswelatlou Rre Omar Raphael ene o ne a farologana le ba bangwe, a tlhalosa gore molao o supa gore mongwe le mongwe o gololesegile go ikgethela se a se batlang go se dirisa go itosa bodutu. ENDS

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Full Council Meeting

Date : 11 Dec 2025