Dipalo tsa ba ba belegelang kwa malwapeng di a tshwenya
10 Dec 2025
Dipalo tsa bomme ba ba belegelang kwa malwapeng kgotsa pele ba goroga kwa dikokelong di kwa godimo kwa kgaolong ya Okavango.
Se se builwe ke moemedi kwa lephateng la botsogo kwa kgaolong ya Okavango, Rre Teko Mmoko kwa kwa segopotsong sa letsatsi la bolwetse jwa HIV/AIDS kwa kgaolong eo se se neng se tshwaretswe kwa Etsha 13.
Rre Mmoko a re bana ba le masome a mararo le boferabongwe ba belegwe pele ba tsena kwa kokelong kwa kgaolong ya Okavango mo sephatlong sa ngwaga sa bobedi ngwaga ono.
A re dipalo tseo, di dira lesome le bongwe mo lekgolong, a kaya seo se baya matshelo a bana bao mo diphatseng tsa malwetse jaaka jwa mogare wa HIV.
Rre Mmoko a re go supagala fa bomme bangwe ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa boimana le go itlhatlhobela mogare ba le nosi kgotsa le bakapelo.
O tlhalositse fa seo e le nngwe ya dikgwetho tse di fokotsang gore ba botsogo ba ka fitlhelela maikemisetso a lenaneo la 95-95-95 la gore batho ba itse seemo sa bone sa mogare wa HIV, ba tsene mo lenaneong la kalafi ya diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS, le gore ba ba mo kalafing mogare wa bone o wele kwa tlase o sa itshupe mo tlhatlhobong.
Le fa go ntse jalo, Rre Mmoko o tlhalositse fa ba botsogo mo kgaolong ya Okavango le makalana a mangwe a puso le aa ikemetseng ka nosi ba tsweletse ka go tsibosa setshaba ka tsa botsogo le go ba rotloetsa go itlhatlhoba.
A re ba tshwanetse ba batla metlhale e mengwe ya go fitlhelela batho ba bantsi bogolo jang banana gore ba itlhatlhobe go santse go na le nako gore bat le ba kgone go bona thuso go na le nako.
Rre Mmoko a re mo sephatlong sa bobedi ngwaga ono, ba le makgolo a mabedi le masome a marataro le borataro ba itlhatlhobetse mogare wa HIV, mme ba le batlhano ba fitlhetswe ka mogare.
Le fa go ntse jalo, a re batho ba le masome a boferabongwe le bofeborabongwe mo lekgolong ba ba mo lenaneong la diritibatsi, mogare wa bone ga o itshupe.
Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa ofisi ya tsa bolwetse jwa HIV/AIDS kwa kgaolong, Reverend Samuel Kenaape o ne a re setshaba se tshwanatse sa tsiboga le go tshwaraganela ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong bogolo jang mo baneng ba basetsana ka dipalo di supa fa ba amilwe ke mogare ka selekanyo se se kwa godimo mo lefatsheng leno ka bophara.
A re bana ga bana bokgoni jwa go ka ikemela mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Rev. Kenaape o kopile setshaba go itlhokomela mo malwetseng a a sa tshelwaneng ka le one a gapa matshelo a batho ka dipalo tse kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Segopotso sa HIV/AIDS
Date : 10 Dec 2025




