Breaking News

Puso ga e dumalane le kopo ya banni

11 Dec 2025

Tona wa dikgaolo le merero ya tsa Ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa a re puso ga e a amogela kopo ya banni ba Matolwane ya go arologanngwa le motse wa Lesenepole. 

O ne a bua jalo kwa Lesenepole kwa a neng a busitse phetolo mabapi le kgang e banni ba kgotla ya Matolowane kwa Lesenepole ba neng ba kopa puso go ba dira motse. 

A re Matolwane e tlaa tswelela e le nngwe ya dikgotlana kwa Lesenepole. 

Rre Motshegwa a re kopo ya banni e ne ya lebelelwa go etswe tlhoko melawana ya Revised National Settlement Policy of 2004 e e supang fa go le botlhokwa gore fa go dirwa ditogamaano tsa metse go lebelelwe gore ditlamelo le tsone di tlaa kabakanngwa ka mo go tshwanetseng go sa kokonele puso mme e bile go sa tlhatlaganngwe ditlamelo golo go le gongwe fela, go etswe tlhoko gore metse eo e tlhomagana jang ka bogolwane, mme go tlhomamisiwa gore banni ba bona ditirelo ka tekatekano. 

Ka jalo Rre Motshegwa o ne a re go kgaoganya metse go ka bakela puso dikgwetlho tse di bokete le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ka ntlha ya thulaganyo e e sa ikaegang ka popego. 

A re kgang e e simolotse ka ngwaga wa 1997, mme e le ka ntlha ya kganetsanyo mabapi le leina la motse. Kgang e ne ya kukela, mo e neng ya isiwa fa pele ga makgotla a ditsheko, a a neng a laela gore go tshwarwe ditlhopho tse di tlaa papamatsang le go rurifatsa leina la motse. Le fa go ntse jalo, leina la Lesenepole le ne la fenya, mme la amogelwa semmuso go nna leina la motse. 

E ne ne yare ka ngwaga wa 2022 ba Matolwane ba kopa gore motse wa bone o lemogiwe o le nosi, o farologane le Lesenepole. ba Matolwane ba ne ba kopa Kgosi Kgosiemang Kebuamotse gore a bitse bokopano kwa kgotleng, jo ka jone banni ba neng ba tlhalosa go sa kgotsofale ga bone, mme ba boa ba tswa ka mogopolo wa go ikgaoganya le Lesenepole. Kgang e, e ne ya romelwa kwa Lephateng la Tsamaiso Puso Ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae (Ministry of Local Government and Rural Development). Ba Matolwane ba etela lephata leo gape go kopa gore motse wa bone o lemogwe o le nosi mme o farologane le Lesenepole. 

Mo kgannyeng go ne ga dirwa ditshekatsheko ke diofisi tse di maleba go thusa tona go tsaya tshwetso mme ba Khansele ya Palapye ba romela pego ka 2023, ya begwa mo phuthegong ya khansele.. 

Rre Motshegwa a re e ne ya re morago ga moo setshaba sa kopa gore kgang e e arabiwe mme a boela gape mo kgotleng ka di kgwedi ya Phatwe mo ngwageng ono, go utlwa maikutlo a banni, go sekaseka seemo ka matlho le go itseela boammaruri mabapi le kopo ya bone gore a tle a kgone go tsaya tshwetso ka kgang e. 

Rre Motshegwa a re e ne ya re a sena go sekaseka dipatlisiso le maikutlo a setshaba, o ne a goroga mo ditshwetsong tsa gore molelwane o o fa gare ga Matolwane le Lesenepole ke selo se se tlhalosiwang mo puong fela mme go sena sepe se se tsepameng se se ka supiwang e le bokao jwa mololwane wa metse e mebedi e. 

O supile fa ditlhabololo tse di leng teng di tlolela ka fa matlhakoreng otlhe a se gotweng ke molelwane go ya ka fa ba Matolwane ba eletsang ka teng. 

A re fa Lesenepole a ka kgaoganngwa go dira metse e mebedi se se tsile go kgaoganya dipalo tsa batho e bile se bo se baka phokotsego mo dipalong go bo go ama ditlhabololo tsa metse e mebedi e, go ya ka Revised National Settlement Policy of 2004.  O ne a supa fa go sena ditso tse di supang fa Lesenepele e ne e le metse e mene ka palo mme e ne e le dikgotlana di le nne tsa Matoposane, Raphiri, Moremi le Lesenepole, di dira motse o le mongwe fela, ka jalo ga gona ka fa di ka kgaoganngwang ka teng. ENDS

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LESENEPOLE

Event : Kgotla meeting

Date : 11 Dec 2025