Breaking News

Bogodu jwa leruo ga bo robatse banni ba Ditshegwane

17 Sep 2023

Kgosi Selelo Kelebang wa kgotla ya Badutlwe kwa  Ditshegwane o supile fa ba tshwenngwa ke borukutlhi.

Kgosi Kelebang o buile se fa a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Tshoganetso Leuwe bosheng.

O tlhalositse fa ba sa robale ba lala ba tabogisitswe ke magodu a leruo a supa fa tlhaelo ya mapodisi e e oketsa bogodu joo.

Fa a lekodisa morafe ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo Mme Tlalelo Rammoi o ne a supa fa ba na le ntlo ya dikamore tse pedi e ba e agang.

O tlhalositse gape fa ba batlile lefelo le lesha la go aga lefuti la matlakala le go aga ntlwana ya boitiketso kwa mogotlheng.

Mme Rammoi o ne a tlhalosa fa ba kopa gore kokelwana ya bone e atolosiwe le go fiwa koloi ya kokelwana, go agelwa diofisi tsa mapodisi le go hirelwa batho ba ba tlhokomelang diofisi tsa kgotla.

Fa a ba lekodisa ka tse a tlang ka tsone mopalamente wa Rre Leuwe o ne a supa fa lekoko la go kgaoganya melelwane ya dikgaolo tsa botlhopi le feditse tiro ya lone. e bile le e roletse

O tlhalositse fa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe jaanong e tla a bidiwa Letlhakeng mme kgaolo ya Takatokwane e tla a nna fela jaaka e ntse.

Mopalamente o tlhalositse fa dikgaolwana tsa bokhanselara le tsone di kgaogantswe mme kgaolo ya Takatokwane e okeleditswe ka kgaolwana ya bokhanselara e le nngwe.

Rre Leuwe o supile fa kgaolwana ya bokhanselara ya Ditshwegwane le Maboane di tla a kgaogana a tlhalosa fa e le tsone tse di okeditseng palo ya makhanselara. Mopalamente boletse fa dikgaolwana tsa bokhanselara di tla a bidiwa Salajwe/Kaudwane, Sesung/Metsibotlhoko, Ditshegwane, Maboane, Takatokwane, Dutlwe/Tshwaane le  Motokwe/Tsetseng.

Mopalamente o tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya gore madi a ditlhabololo a dikgaolo a dire ditsela tsa magae tse di alwang ka ditena.

O tlhaloseditse banni ba motse wa Ditshegwane gore tiro eo e letlelelwa go dirwa ke benggae fela, a supa fa tiro e, e tlaa a bo e dirwa mo lefatsheng leno lotlhe.

Fa ba ntsha la bone, banni ba ne ba lela ka go tlhoka yoo ba fang melemo kwa kokelwaneng. 

Mme Seileng Rathupa o ne a tlhalosa fa se se ba gogisa bokete ka ba sena madi a go latela melemo kwa Letlhakeng.

 Rre Oben Modirapula o ne a kopa gore ba okelediwe mapodisi kwa Ditshegwane, a supa fa borukutlhi bo ile magoletsa koo. 

O kopile gape gore go fetolwe melawana e e tlhophang ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, a kopa gore ba beelwe lebaka le lerileng go tlhophiwa mme e re fa lebaka leo le feta ba seka ba emela ditlhopho tsa VDC gape. 

Fa a ba araba mothusa mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng Rre Tumelo Seboko o tlhalositse fa puso e supile fa ngwaga o, e le wa leuba mme go okeditswe dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka 10 000 lefatshe leno lotlhe e le ntlha ya go tsibogela seemo se.

O kopile banni ba Ditshegwane go emela go bona gore batla a okelediwa jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ditshegwane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Sep 2023