Twantsho burukutlhi e tswa tema kwa Jwaneng
02 Dec 2013
Mothusa ratoropo wa Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira-Kwenjea re maiteko a twantsho borukutlhi a mapodisi kwa toropong eo a tswa tema, ka jaana dipalo tse di kwadisitsweng di supa fa borukutlhi bo wetse tlase mo dikgweding tsa Phalane le Ngwanatsele.
E rile fa a bua kwa phuthegong ya khansele bosheng, Rre Kwenje a re go na le kwelotlase mo borukutlhing jwa dintwa, go tsenelela batho mo malwapeng a bone le dipolao.
Mo dikgweding tsa Phalane le Ngwanatsele, ngwaga ono, borukutlhi jwa go lwa le go tsenelela batho mo malwapeng, jaaka go thuba matlo le mabentlele le jone borukutlhi jwa dikgoka di ne tsa wela tlase ka lekgolo fa go tshwantshanngwa le ngogola mo nakong yone e.
O boletse gore seemo sa go nna jalo se dirilwe ke methale ya twantsho borukutlhi e e dirwang ke mapodisi e tshwna le go tsamaya ka dinao mo mekgwatheng ga mapodisi, ditlhopha tse di itebagantseng le mathata a a boima le baithaopi ba sepodisi.
Lefa go ntse jalo Rre Oodira-Kwenje a re thubetso e tsweletse ka go nna kgwetlho e tona thata ka jaana dikgang di le nne di ne tsa kwadisiwa mo ngwageng ono fa go tshwantshanngwa le nako e e tshwanang le yone e mo ngwageng o o fetileng. O boletse gore se ke palo e e kwa godimo fa re lebile gore dipalo tse ke tsa dikgwedi tse pedi fela.
O ne a pega bojalwa le ditagi phoso ya go nna le seabe mo koketsegong ya petelelo a re bontsi jwa babeteledi ba dira jalo ba le mo sediding sa botagwa.
Mothusa ratoropo o boletse gape gore ga gona dikotsi dipe tse di begilweng tsa tsela mo nakong eno fa go tshwantshanngwa le nako e e tshwanang le e mo ngwageng o o fetileng.
Gape o ne a re fa gare ga dikgwedi tsa Phalane le Ngwanatsele, bakgweetsi ba le 109 ba ne ba lebisiwa molato wa go kgweetsa ka lebelo le le fetileng selekanyo, seo e le phokotsego go tswa kwa go 204 ya dikgang tsa go nna jalo tse di neng di kwadisitswe ngogola mo nakong e e tshwanang le e.
Phokotsego eo le yone o boletse fa e bakilwe ke go nna teng ga mapodisi a taolo pharakano ya dikoloi mo ditselelng le go dira dikganedi tsa tsela kgapetsa kgapetsa. Rre Oodira-Kwenje o ne gape a supa fa a tshwentswe ke go golela pele ga dikgang tsa go thuba malwapa le go tshola motokwane e se ka fa molaong tse di setseng di isitswe kwa dikgotleng tsa ditsheko.
A re dikgang tsa go nna jalo di kgoreletsa maiteko a lefatshe leno a go aga tshaba e e nang le botho ebile e amogelelana ka ngwaga wa 2016. A re dikgang tsa go tshola motokwane e se ka fa molaong gantsi di ama banana ba dingwaga tse fa gare ga 18 le 35 mme seo se a tshwenya ka gore ditagi tseo di tlaa ama bokamoso jwa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 02 Dec 2013






